Molaetsa o tsamaile bogole
19 Aug 2013
E ne ya re mo bosheng ga tsoga ketsaetsego fa gare ga morafe le bogosi jwa kgaolo ya Tutume.
Se se tlile morago ga gore molaetsa o ye kwa morafeng ka phoso o sa tshwanela, ka kgang eo e ne e bileditswe magosi fela go tla go ithuna dinta ba le bosi.
Kgosi Serogola Seretse wa Serowe, yo o neng a rumilwe ke rraagwe mogolo, Kgosi Sediegeng Kgamane, motshwarelela kgosi kgolo ya bogosi jwa ga Mmangwato go tla go latolela dikgosi tsa Tutume, Kgosi Gaontebale Pius Selolwane, yo a ba tlogetseng kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga o o fetileng.
Kgosi Seretse o ne a re sa ntlha a bolelela dikgosi tse di neng di phuthegile foo gore se se diragetseng ga se tsamaiso, a tlatsa ka gore batho ba tshwanetse go itse gore molao o teng mme o tshwanetse wa tlotlwa. A re gape ga go na le fa e le ope yo o ka tsenelelang dikgang tsa magosi fa a batla go itsheba.
O ne a gatelela gore sepolotiki le bogosi ga di tsamaelane, a tlatsa ka gore bogosi ke ngwao ya bone e bile ke thulaganyo ya Modimo. Kgosi Seretse o ne a tswelela a re bogosi ga se dithopho ka tseo e le yone polotiki, a tlatsa gore mo bogosing go a rerisanngwa.
Magosi a kgaolo eo a ne a supa gore go diregile phoso mme a amogela molaetsa ka oomabedi. Kgosi Seretse o ne a gakolola magosi ao ka tsamaiso ya morero wa dikgang tsa bogosi mme a lebogela thologelo phuthego eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Aug 2013






