Breaking News

Temothuo e ka nowa moro

19 Aug 2013

Baagi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba rotloeditswe go tsaya temothuo ka tlhwaafalo ka jaana e ka nna kgwebo e e motia, e e ka ntshang ba le bantsi mo lehumeng.

Fa a bua kwa pulong semmuso ya ditshupo tsa kgaolo eo kwa Masunga ka mafelo a beke, mogolwane wa tsa kanamiso mafoko kwa komponeng ya Tati Nickel, Rre Tebogo Rapitsenyane, o ne a kgala mokgwa wa bangwe wa go inaakanya le temothuo ka dingwaga tsa bogodi ba sa tlhole ba na le thata e e kalo ya go dira mo go bonalang.

Rre Rapitsenyane o ne a supa fa go tshwenya go bo go na le bangwe ba ba sa boneng temothuo e ka nna kgwebo e e ka nowang moro, a re go dira jalo go eteegetsa botlhoki le tshokolo. Fa a itebanganya le ditshupo tsa kgaolo, o ne a akgola barulaganyi ba tsone, a re go a itumedisa gore e re le ntswa kgaolo ya Bokone Botlhaba e sa ntse e leka go inoga mo manokonokong a a tlisitsweng ke go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo ba bo ba se kile ba ipona tsapa go tsosolosa ditshupo tse di saleng di nyeletse dingwaga di le mmalwa tse di fetileng.

Rre Rapitsenyane o ne a gwetlha batsenaditshupo tseo go tshwara ka thata mo  temothuong, a re mosola wa yone ga o felele fela mo go kobeng tlala mo lwapeng ka jaana e ka thusa thata gape le mo go fokotsa selekanyo sa dijo tse lefatshe leno le di rekang kwa ntle.

O ne a ikuela mo balemi baruing go tshwaragana, a supa fa se se ka ba tlodisa melatswana e tletse ka ba ka amogana dikitso, a bo a  gatelela botlhokwa jwa gore ba-na-le-seabe botlhe ba tsenye letsogo mo maitekong a go godisa itsholelo ya lefatshe leno.

A re kgodiso ya itsholelo ke tiro e e bonya e bile e le bokete, ka jalo go le botlhokwa gore mongwe le mongwe a tsenye letsogo.

Rre Rapitsenyane o ne a akgolela puso maiteko a yone a go tlhabolola mhama wa temothuo, a re go simolodisiwa ga mananeo a a farologaneng a go tlhabolola mhama o, ke sekai  se se mo mpaananeng sa maikaelelo a puso a go bona gore o a gola.

Modulasetilo wa komiti ya kgaolo ya ditshupo Rre Mathema Balule, o ne a rotloetsa batsenatiro eo go tlhwaafalela temothuo, a supa fa go dira jalo go ka tlhomamisa gore go na le dijo tse di lekaneng ga ba ga godisa le tsone ditshupo tota. O ne a lebogela komiti ya gagwe boineelo jo e berekileng ka jone mo paakanyetsong ditshupo tseo, a phophotha legetla badirelapuso ba ba leng maloko a komiti eo, a re seabe sa bone e nnile se segolo e bile se itumedisa.

Modulasetilo wa khansele ya bokone botlhaba e bile a le  mokhanselara wa kgaolwana ya Mapoka, o ne a supa fa kgaolo ya bokonebotlhaba e siametse temothuo ka e na le mebu e mentle e e nonneng, a reka ntlha ya se banni ba tshwanetse ba dira go tlala ka diatla fa go tla mo go tsa go lema le go rua. Le fa go ntse jalo, o ne a lela ka tlhaelo ya lefatshe mo kgaolong, a supa fa kgaolo ya bokone botlhaba e le nngwe ya tse dipotlana thata mo lefatsheng leno.

Go sa le foo, o ne a tlhalosa fa puso e rekile dipolase di feta lesome le botlhano, e le maiteko a go araba selelo se se ngomolang pelo sa tlhaelo ya lefatshe mo kgaolong ya bone. Ends

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Pulo semmuso ya ditshupo

Date : 19 Aug 2013