Ba goo Logaba ba batla ngwana
19 Aug 2013
E rile bosheng banni ba kgotla yoo Logaba kwa Kanye ba phuthegela kwa kgotleng eo go utlwa boammaaruri ka dikgang tsa go nyelela ga ngwana mo kgaolwaneng ya bone.
Ralekgotla, Rre Lekgoanyana Keloisitswe o ne a rolela morafe gore go na le magatwe a gore ngwana o nyeletse mo kgaolwaneng ya bone mme ba bogosi ba sa bolelelwa sepe ke ba lolwapa lo lo amegang, a re ka jalo o biditse morafe le batsadi ba ngwana go tla go utlwa boammaruri jwa kgang.
Le fa go ntse jalo, Rre Keloisitswe o boletse fa go le maleba go bo ba lewapa ba tsere nako e telele go bega kwa kgotleng ka ba ne ba sa ntse ba batla ngwana mo masikeng pele ga kgang e tswela kwa ntle. O boletse fa jaanong e le nako ya gore ba thusanye ka megopolo le maano go thusa ba lelwapa le le amegang.
Malomaagwe ngwana yo o nyeletseng , Rre Raonna Ramaribana o ne a tlhalosa fa motlogolo wa gagwe, Poloko Sekokole wa mosimane yo o dingwaga di masome mabedi a nyeletse kgwedi eno e tlhola gatlhano, fa mmaagwe a ne a mo tlogela a sa ntse a robetse mo mosong a ya kwa masimo.
E rile batsena phuthego ba tsibogela kgang eo ba kopa gore go bolodiwe letsholo go batla ngwana yoo mme pele go simololwe ka go tsena ntlo le ntlo mo Goo-Logaba, mme ba kopa gore beng ba matlo ba bulele babatli matlo go phuruphutsha.
Le fa go ntse jalo bangwe ba ne ba le sebete se molangwana ba re a go tlaa kgonega ba sa tshola mokwalo o o ba letlang go phuruphutsha o tswa kwa go ba sepodisi.
Bangwe ba batsena phuthego ba ne ba supa mapodisi ka monwana ba re gantsi mo dikgannye tsa mohuta o ba sepodisi ba itsa batho go bula matlo a beng go phuruphutsha go bo bangwe ba felele kwa makgotleng a ditshekelo go twe ba itseetse molao mo diatleng.
Malomaagwe ngwana o ne a kopa gore mo letsholong la go batla ngwana ba dire dilo ka bonolo le kagiso ka jaana ntwa e sena mosola.
Mogolwane wa mapodisi a Kanye Superientendent Kealositse Konyana o rurifaditse go nyelela ga ngwana mme ba begetswe ka kgang eo ka Lwabotlhano wa beke e e fitileng.
Superientendent Konyana a re e le ba sepodisi ba boloditse letsholo go batla ngwana yo mo ba setseng ba kile ba bitsa ba sefofane sa tlhoo tomo go mmatla mo dithabeng tsa Kanye le mo letamong le le gaufi le kgotla eo mme ga go na sepe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 19 Aug 2013






