Ba le babedi ba tlhokafetse mo kotsing
18 Aug 2013
Banna ba le babedi ba tlhokafetse mo kotsing ya koloi bosheng kwa Kanye.
Mogolwane wa mapodisi a Sejelo kwa Kanye, Superintendent Baakile Moshashane, a re koloi ya modiro wa Hilux e thulanye le bese e e tsamaelang kwa Ghanzi ya JNG.
Supt Moshashane a re koloi ya Hilux e ne e tsena mo tseleng e tswa mo letlhakoreng, fa bese yone e ne e tlhamaletse mo tseleng ya Jwaneng/Kanye, fa maemelong a dipagamo a Mahube kwa Kanye.
A re banna bao ba ba neng ba le mo koloing ya Hilux ka boraro ba tswa mo Kanye, mme a tlhalosa fa yo mongwe a sa ntse a le mo kokelong go alafelwa dikgobalo tse di masisi.
A re go tlhokafetse monna wa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi, wa kgotla yoora Phitshane le wa dingwaga tse di masome matlhano le boferabobedi wa Tloung.
Supt Moshashane a re yo o gobetseng ene o dingwaga di masome mararo le bone, a re le ene o tswa Tloung. A re mo beseng batho ba le bararo ba ne ba alafelwa dikgobalo tse dipotlana ba bo ba gololwa ka lone letsatsi leo.
O kopile bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko. Ends
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Pego ya mapodise
Date : 18 Aug 2013






