Breaking News

Bagwebi ba kgothadiwa go dirisana le setshaba

18 Aug 2013

Bagwebi ba dipalamo tsa setshaba ba kopilwe go dirisana sentle le morafe go fedisa dikgotlhang tse di kgoreletsang tsamaiso e ntle ya lefatshe leno.  

Mafoko a a builwe ke mothusa mookamedi wa lephata la ditsela, dipalamo le itshireletso, Mme Evise Joina, fa a bula dithuto-puisanyo tsa bagwebi ba dipalamo tsa setshaba kwa Palapye bosheng. O tlhalositse gore kgwebo ya dipalamo tsa setshaba e ka tswelela fa komiti e tshwaragane.

A re ba tshwanetse gape go tshwaragana le babereki ba puso, ba e leng bone badiragatsi ba melao jaaka ba lephata la dipalamo le mapodisi. Mme Joina a re fa tshwaragano eo e se yo, tiro ya bone ga e kitla e kgotsofatsa ka ba tlaa nna ba gotlhagotlhana mme tiro e kgoreletsege.  

Mogolwane wa mapodisi a ditsela kwa Palapye, Rre Robert Batsu, o ne a kopa beng ba dikgwebo tsa dipalamo tsa setshaba gore ba rute babereki ba bone gore ba emise go kgopakgopetsa setshaba fa ba se pegile. 

O ne a ba lemotsha gore dipalo tsa setshaba tsa go ikuela gore boradipalamo ga ba a ba tsaya sentle di ile magoletsa mme bangwe go bolelwa fa ba tlola melao mengwe e e ba tlamang.  O ne a fa sekai ka go gana go isa mopalami kwa lwapeng mme e le tshwanelo ya gore a isiwe teng, a bolela fa seo e le tlolo molao.

Rre Batsu o ne a tswelela a re bangwe babereki ba dipalamo tsa setshaba ba ipata ka gore ditsela mo mafelong mangwe ga di a siama mme go makatsa ka ba kgona go gana fela le go isa bapalami mo mafelong a a nang le ditsela tse di siameng jaaka kwa matlong a Botswana Housing Corporation mo Palapye.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Thuto puisanyo

Date : 18 Aug 2013