Bakgatla ba tlaa ipelela ngwao
18 Aug 2013
Modulasetilo wa komiti ya tsa ngwao kwa Thamaga, Rre Thomas Motlogelwa o kopile thotloetso e kgolo mo dikgosing, morafe le babega dikgang go fetisa molaetsa le go ntsha dithuso dipe fela tse di ka atlegisang letsatsi la ngwao ya Bakgatla ba ga Mmanaana la Lwetse a le lesome le bobedi.
Rre Motlogelwa o tlhalositse fa ba kopanetse thulaganyo e, le banni ba Moshupa. A re Bakgatla ba ga Mmanaana ba tlholega kwa Transvaal kwa Afrika Borwa. Modulasetilo a re ba tshwaraganetse dipaakanyetso tsa letsatsi leo le badirela puso, e bile ba solofetse P20 000 go tswa mo pusong.
Rre Motlogelwa o boletse fa ka 2011, ba ne ba kgobokanya madi ka ditsela tse di farologanyeng. “Monongwaga nngwe ya ditsela tse re tsileng go di dirisa ke khupelekhupele mme mofenyi o tlaa neelwa pitsa, fa wa bobedi a tlaa neelwa podi, wa boraro o tlaa tswa ka dikobo,” Rre Motlogelwa a tlhalosa.
O kopile gape gore ba ba nang le bokgoni jwa go loga, go boka le botaki jotlhe fela ba ikwadise kwa kgotleng gore ba tsenngwe mo lenaneong. Mothusa Mokwaledi wa komiti ya ngwao, Topoyame Mogotsi o ne a tlhalosa fa setlhogo sa moletlo wa monongwaga e le Ngwao Thuto.
Mme Mogotsi o boletse fa e tlaare kgwedi eno e le masome mararo le bongwe ba kgobokanye madi ka go dira potsolotso e e tlaabong e akaretsa mogakolodi wa puso wa tsa melao, Mme Athalia Molokomme, go tsenwa ka P10 kwa ntlo lohalahaleng ya motse ya Thamaga.
Go tlaa nna motshameko wa kgwele ya dinao wa dikgosi tsa Thamaga kgatlhanong le tsa Moshupa o tsenwa ka madi. Rre Pelontle Sethole wa kgotla ya Koontle o ne a solofetsa go ntsha P500 go rotloetsa letsatsi la ngwao.
Rre Tsotsi Lekula le ene o ne a solofetsa podi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Mmopi
Location : THAMAGA
Event : Potsolotso
Date : 18 Aug 2013






