Breaking News

Serowe SOS e amogela dimpho

18 Aug 2013

Mookamedi wa legae la bana la SOS kwa Serowe, Mme Reginah Nfila, a re tlhokomelo ya ngwana e lopa madi a mantsi e bile e na le dikgwetlho. 

Mme Nfila o ne a bua kwa moletlong wa kabo dimpho kwa legaeng leo kwa Serowe bosheng. A re tlhokomelo ya ngwana ga e sa tshwana le pele, bogolo jang mo dinakong tsa segompieno tse dilo di tlhakatlhakaneng. 

O ne a tlhalosa gore go betla le go godisa ngwana gore a nne motho yo o botoka mo botshelong, go tlhoka motsadi yo o nang le bokairabelo jo bo tsepameng. Mme Nfila a re kgodiso ya ngwana e tlhoka tsele le tsele, a tlatsa ka go lebogela maiteko a ba kgotlana ya Mauba a go gopola bana ba SOS. 

A re legae la bone ga se sekole mme ka jalo thuso nngwe le nngwe e ba e bonang mo setshabeng, ba a e itumelela. O ne a tlhalosa gore legae la bana le tshela fela ka go kopa mo setshabeng le Batswana ka kakaretso go ba ema nokeng go godisa bana ba bang le boikarabelo. 

Ba kgotlana ya Mauba kwa Serowe ba ne ba abela bana bao dilwana di akaretsa diaparo le melora. E rile a aba dipho tseo, Kgosana Oleosi Serite a tlhalosa fa e rile bosheng Kgosi Sediegeng Kgamane a ba ema ka lefoko a ba kopa gore ba eme legae le nokeng.

Rre Serite a re o ne a rolela ba kgotlana ya gagwe mafoko a, mme ba mo thologa mokgosi ka go kgobokanya tse ba nang le tsone, go otlololela letsogo le le abang kwa go ba SOS. O ne a leboga ba kgotlana ya gagwe ga mmogo le ba SOS go bo ba ile ba ba bulela dikgoro gore ba ba thuse.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SEROWE

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 18 Aug 2013