Breaking News

Botsogo jwa badiri bo botlhokwa

18 Aug 2013

Baberekii ba puso ba kgothaditswe go ne ba ipha nako ya go kopana ba itshidila mmele kwa ditirong.  Ba kgothaditswe jalo ke molomaganyi wa tsa botsogo mo lephateng la botsogo, Mme Maureen Mpho.

O boletse fa go itshidila mmele go tlaa a ba thusa go itekanela mo mmeleng mme ba seke ba kgorelediwa ke  go tlhoka go tsoga sentle mo tirorng. O ne a lemotsha babereki gore botsogo jwa mmereki bo tla pele ga tiro e bile bo botlhokwa mme ba tshwanetse ba bo tsaya ka tlhoafalo.

A re mmereki yo o sa tsogang sentle ga a dire tiro ka manontlhotlho le bonokopila. Mme Mpho a re ke ka moo puso e neng ya simolola lenaneo la go fa ba ba nang le mogare diritibatsi maikaelelo e le go lwantsha manokonoko a bolwetse jo bo neng bo baka mathata ka go kgoreletsa batho mo ditirong lefatshe lotlhe ka bophara.

Molaodi wa Palapye, Mme Veronica Rabakane a re puso e bone go tlhokafala gore babereki ba maphata  a puso le bone ba fiwe sebaka sa go itshidila ba kopane gore ba kgone le go sidilana maikutlo.

Kgosi ya Palapye, Rre Raditanka Ntebele o ne a bolela fa itshidilo mmele e le botlhokwa thata a bolela fa mo malatsing a maloba go ne go na le ditiro tsa Setswana tse di sidilang  mmele.  O ne a kopa Batswana go simolola go ikgakolola ditiro tsa Setswana tse di sidilang mmele  jaaka go setla. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego

Date : 18 Aug 2013