Mashi a lebele a kotla ntsi
18 Aug 2013
Mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre Bernard Bolele, a re bomme ba Botswana ba tshwanetse go inaakanya le go amusa bana mashi a lebele ka a na le dikotla tse di ka ba sireletsang mo malwetseng.
Rre Bolele o buile mafoko a mo letsatsing la mafatshefatshe le le neng le tshwaretswe kwa Mahalapye bosheng le rulagantswe ke ba lephata la botsogo go rotloetsa bomme go amusa ka lebele le go abelana megopolo ka ditsela tsa go thibela malwetse a a tsweletseng ka go bolaya Batswana bogolo jang banana ba ba dingwaga di kwa tlase.
A re mashi a lebele a siametse bana ka a nonotsha mmele le go tiisa lorato fagare ga bone le bommaabone, mme a bolela fa bana ba ba sa anyeng lebele gantsi ba sena kgatlhego le tlhokomelo mo batsading ka jaana ba godile ba sa fiwe loratlo le le tshwanetseng.
Mopalamente o boletse gore ka bana e le mafura a lefatshe puso e tsere boikarabelo jwa go reka melemo le dijo go tlhokomela bana ba ba dingwaga di kwa tlase ga botlhano. Rre Bolele o ne a kgothatsa bomme ba ba itsholofetseng e bile ba na le mogare wa HIV go ya kwa dikokelwaneng tsa metse ya bone go itekodisa ba botsogo mme ba tsenngwe mo lenaneong la thibelo mogare go fetela mo leseeng.
O ne a kgala batho bangwe ba go bolelwang ba tlhabisiwa ditlhong ke go itekodisa ba botsogo ka malwetse a bone gammogo le ba ba etang ka loleme ba a ja ba ba lwalang ditshego.
A re go swabisa nko go fetla molomo go bona Batswana ba tsweletse ka go ganyaolwa ke mogare wa HIV/AIDS, le ntswa puso e dirisa madi a mantsi go reka melemo e Batswana ba ka e dirisang go lwantsha segajaja se.
Mooki kwa kokelong ya Mahalapye, Mme Boingotlo Garekwe o ne a tlhalosa fa moono wa letsatsi leo e le go rotloetsa bomme ba Batswana go boela mo go amuseng ka lebele ka jaana mashi a lebele a thibela malwetse.
Mme Garekwe o tlhalositse fa letsatsi la mafatshefatshe la go amusa ka lebele le simolotswe ka 1990 e le kgato ya go tlhotlheletsa bomme go anyisa bana lebele boemong jwa tami. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Letsatsi la kamuso ka lebele
Date : 18 Aug 2013






