Breaking News

Melao ya bong e tlaa diragadiwa

15 Aug 2013

Mogokaganyi wa lekgotla la bong Mme Keabonye Ntsabane, a re mafatshe a solofetswe gore e re ka ngwaga wa 2015, melao e e amang dikgang tsa kgokgontsho ya bong, e bo e tlhomilwe kgotsa e setse e diragadiwa.

O buile jalo mo thutopuisanong ya malatsi mararo e e neng e diretswe makhanselara le bodiredi jwa khansele bosheng. O ne a tlatsa ka go re ba ba kgokgontshang ba bangwe ba tlaa sekisiwa mo makgotleng a ditsheko a a lebaneng.

Mme Ntsabane o boletse fa go tlaa tsewa dikgato go kgala mekgwa le ditsamaiso tsa ngwao tse di amogelang kgotsa di nna le seabe mo kgokgontshong ya bong, a supa gore bothata joo bo bonala thata mo Botswana. O boletse fa bomme ba sa ntse ba saletse morago mo boeteledipeleng, a re mo mhameng wa polotiking, ba tlhopha borre.

A re mo pusong ya batho ka batho go tshwanetse ga nna le tekatekano ka gore bomme le bone ba na le bokgoni fela jaaka borre.

Mme Ntsabane o boletse fa lentswe la bomme le sa utlwale ka ntlha ya gore ngwao ya Setswana e ba gateletse thata, a bo a ba kgothatsa go nna peloethata, ba gatele pele.

Moemedi wa lephata la bomme kwa Kanye Mme Boitumelo Likuni, o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke kgokgontsho ya bomme mo baneng, ka go sa tlhokomele bana, ba diiwa ke bojalwa.

O kaile le go re go na le kgokgontsho ya baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.

Mme Likuni o boletse gore go na le mananeo a a diretsweng bomme gore ba intshe mo lehumeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Thuto puisanyo ya makhanselara

Date : 15 Aug 2013