Breaking News

Go inyadisa go ka baka dipolaano

15 Aug 2013

Kgosi Ludo Mosojane wa Tati Town, a re o tshwenngwa ke dikgang tsa batho ba ba nnang lebaka mmogo ba sa  nyalana.

Kgosi Mosojane o supile matshwenyego a gagwe mo thutopuisanyong ya bomme kwa Tutume. A re go setse go supegile fa bontsi jwa dipalao tsa baratani e le tsa batho ba ba nnileng nako e ntsi ba sa nyalana. O ne a  kopa bomme go bua le bana  ba basetsana g  tlogela mokgwa oo wa go inyadisa.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Mosojane a re bojalwa bo na le seabe se setona mo go thubeng  malwapa le mo kgokgontshong e e amang bomme le bana. O boletse fa  nyalo  ya  segologolo e ne e na le motheo  o o tieleng, a re mo  nakong ya gompieno bangwe  ba tsena mo nyalong ba gabile sengwe, ke ka moo malwapa ka bontsi a thubega.

Moeteledipele wa lekgotla la  Re a Nyalana, Mme Motshidisi  Morwaagole, o ne a rotloetsa bomme ba ba nnang le bakapelo ba bone ba sa nyalana go ikwadisa kwa  dikgotleng tsa bone kana ofisi  ya  molaodi gore ba kgone  go  thusiwa ke ba mokgatlho oo.

Mme Morwaagole a re fa e  sale mokgatlho wa bone  o bopiwa,ba setse ba kgonne go nyadisa malwapa a le lekgolo le masome a robabongwe le  borataro mo dikgaolo tse di farologaneng.

A  re  maikaelelo a Re a nyala ke go  diragatsa matshego a  tebelopele ya setshaba 2016. Mogolwane wa lephata le le itebagantseng le dikgang tsa  bong, Mme Valencia Mogegeh a re kgokgontsho le lehuma gantsi di raletse bomme.

O ne a kopa bomme go tlogela mokgwa wa go amogela pipamolomo mme ba  bege dikgang  tsa  kgokgontsho le thubetso e e diragalelang bana ba basetsana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Thuto puisanyo

Date : 15 Aug 2013