Bible Life e aba ntlo
15 Aug 2013
Mokwaledi wa komiti ya letsholo la go agela batho matlo kwa Ofising ya ga Tautona, Rre Duke Masilo, o kopile batho ka bongwe ka bongwe go tsenya letsogo mo go thuseng batho ba ba tlhokileng go nna lesego mo setshabeng.
Rre Masilo o buile se kwa moletlong o mokhutswane, o mo go one ba kereke ya Bible Life kwa Molepolole ba neng ba abela Mme Gofaone Makepe wa kgotla ya Mokgalo ntlo.
A re batho ka bongwe ka bongwe ba sa ntse ba saletse kwa morago ka go ntsha seabe sa bone mo go thuseng batho ba ba dikobo dikhutshwane, ka jalo a ba kgothatsa gore ba se ka ba inyatsa go ntsha se ba nang le sone, a supa fa batho ba ba tsentseng letsogo mo tirong eo, e se gore ba humile mme ba dira jalo ka go supa mowa wa lorato le kutlwelo botlhoko.
O galaleditse kereke ya Bible Life ka tiro e ntle e ba e dirang ka e bile e se la ntlha ba dira jalo a re seo ke sesupo sa gore mowa wa lorato le kutlwelo botlhoko o agile mo go bone, a bo a rotloetsa le dikereke tse dingwe tse di sa ntseng di saletse kwa morago go tsaya malebela.
A re puso le khansele di lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi tsa go thusa batlhoki, bana ba masiela ka go ba thusa ka dijo, diaparo le fa ba latsang tlhogo teng, mme a re ba lebogela mekgatlho, dikompone le ba bangwe ba ba itlamileng go thusa puso.
Rre Masilo a re le ntswa go na le ba ba tsweletseng ka go kgala tiro e ntle eo ya go thusa ba ba dikobo dikhutshwane ba re ke go ipapapatsa, a re seo ga se kitla se ba kgoba marapo ka gore ke se Modimo a se batlang.
Kgosi kgolo Kgari III wa Bakwena, yo a neng a abela Mme Makepe, dilotlele tsa ntlo eo, o akgoletse maloko a kereke eo go supa fa ba kgathala ka matshelo a batho ba bangwe. Ends
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kabo ya ntlo
Date : 15 Aug 2013






