Breaking News

Temo e botlhokwa mo dikoleng

15 Aug 2013

Mokwaledi wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso, Mme Grace Muzila, a re lephata la thuto ga le a tshwanela go ikgatholosa dithuto tsa temo mo dikoleng.

O buile jalo bosheng fa a amogela dijwalo tsa merogo tse di neng di abiwa ke lephata la Technical Vocational Education and Training di abelwa sekole se sebotlana sa Solomon Dihutso kwa Mogoditshane. Mme Muzila a re temothuo e ka tlhama diphatlha tsa mebereko kwa ntle ga ditswammung.

A re go tokafatsa maduo a temothuo mo dikoleng, go tlhokafala gore bana ba rutwe ka go dira ka diatla gore go tle go nne motlhofo gore ba tlhaloganye se ba se ithutileng ka pela.

Mme Muzila o lebogile banka ya Standard Chartered, ba ba abetseng sekole seo tshingwana ya merogo, e e leng yone e dirileng gore kabo dimpho tseo tsa dijwalo e nne motlhofo ka jaanong go na le fa di ka jalwang teng. O ne a akgolela le baithuti ba Tshwaragano Brigade go ithaopela go direla sekole seo dipoloto le go tlhabolola tshingwana ya bone ya merogo.

Mo go tse dingwe, Mme Muzila a re ba tlaa kopanela mathata a a aparetseng lephata la thuto jaaka letlhoko la boroko le mantlwana a borutelo, le lephata la dikgaolo le tlhabololo magae. O ikuetse mo barutabaneng le bana ba sekole ka kakaretso go nna pelotlhomogi, segolo bogolo mo go ba ba nang lebogole, ka a re ba tlhoka go bontshiwa lerato.

O gateletse gore lephata la botsogo le dirisa madi a mantsi ka ntlha ya gore batho ga ba tshele ka kagiso le ba bangwe. Sekole sa Solomon Dihutso ke sengwe sa dikole tse di nang le ba-na-le-bogole. Bana bao ba palo e e tshwarang masome a marataro le bobedi mme ba tswa mo metseng e e mabapi jaaka Kopong, Gabane, Mmopane le Tloaneng. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Kamogelo ya dijwalo

Date : 15 Aug 2013