Breaking News

Tlhaelo ya metsi e ama sekolo

18 Jan 2013

Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Agosi kwa Bobonong, Mme Margret Madome, a re ba tshwaragane le bothata jwa lenyora.

A re fa e sale ka ngwaga wa 2007,  letlhoko la metsi mo sekoleng seo ga le tokafale, e bile baithuti ga ba dirise matlwana a boiteketso a a dirisang metsi ka ntata ya bothata joo. Mme Madome o thaloseditse lekalana la dikgang la BOPA  fa se, se sa ba jese diwelang ka go ama maduo le botsogo jwa baithuti.

A re baithuti bangwe ba bona sebaka sa go ngwegela kwa magaeng, ka jalo ba siiwe ke dithuto. A re fa gongwe ba patelesega go ntsha baithuti pele ga nako go ya magaeng gore ba ye go bona se ba ka se jang fa go se na metsi a a apayang.

Mme Tlhapiso Mathomane yo e leng leloko la lekgotla la batsadi le barutabana kwa sekoleng seo a re ba kile ba tswa ka mogopolo wa gore bogolo ba agelwe ntlwana ya lehuti mme ba lephata la tshomarelo tikologo ba ganana le mogopolo oo.

Mokwaledi wa lephata la thuto mo Bobirwa, Rre Modiredi Botlhaleng, a re ba leka ka bojotlhe gore metsi a kgone go goroga kwa go sone. A re ba lekile ka gotlhe go ikgolaganya le ba koporase ya metsi, mme ba bonya go ba thusa.

Mogolwane wa tsa tikologo mo lekalaneng la botsogo, Rre Eric Gabaakea, o ne a supa fa  ba sa itse fa seemo sa kwa sekoleng seo. O ne a solofetsa gore e tlaa re mo nakong e khutshwane, ba etele sekole seo go lekola seemo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moreri Joseph

Location : BOBONONG

Event : Phuthego

Date : 18 Jan 2013