Breaking News

Paakanyetso moletlo wa ga Kgosi Joel e tsweletse

20 May 2019

Modulasetilo wa paakanyetso moletlo wa moemela kgosi Ezekiel Joel Masilo o tsweletse sentle.

Mo potsolotsong bosheng kwa Bobonong Rre Constantine Matho yo e leng modulasetilo wa komiti e e lebaganeng le moletlo, a re Babirwa ba ne ba bona go le maleba go direla moemela kgosi yo mogolwane kwa Bobonong moletlo.

A re moletlo o ya go tshwarwa ka Seetebosigo  e le masome a mabedi le boferabobedi kwa kgotleng kgolo ya Bobonong.

Modulasetilo Rre Matho a  re moletlo o rulagantswe ke batsadi ba ga kgosi le Babirwa.

O ne a tlhalosa gore moletlo oo o tlaa natefisiwa ka mmino wa Sebirwa, dikoma, maboko, go tlhalosiwa ditso tsa ga Kgosi Masilo.

Rre Matho o laletsa Babirwa lefatshe ka bophara gore ba tsene mo tirong eo  ka makatlanamane le go ba kopa go ntsha dimpho tsa mofuta mongwe le mongwe o ba ka o kgonang gore letsatsi leo le atlege.

O  tlhalositse gore ba ba nang le ditsala ba ba kope gore ba seka ba ba kgaphela kwa ntle mo go ba kopeng dithuso le go ba laletsa, ga mmogo le ba dikhamphani tse di ikemetseng  go thusa go atlega ga moletlo.

O boletse fa setlhogo sa letsatsi e le Bokhujwejwa Boalaganwa, a tlhalosa gore go raya se se dumalanweng.

Go tlaa bo go jewa dijo tse di farologaneng tsa Setswana jaaka morogo wa konbswe, bogobe jwa nthiaane le jwa thopi.

Rre Matho o supile gore kapari  e tlaa bo e le ya setso.

Mophato wa ga kgosi o e leng wa 1975 go ya kwa go 1979 le bone ba tlaa bo ba le teng ba apaere kapari ya ngwao fa borre bone ba tlaa bo ba eme sentle ka ditilo tsa dikgole bomme bone ba apere ditukwi tsa  letalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 20 May 2019