Paakanyetso ditlhopho e tsweletse
15 Aug 2013
E re ka ditlhopho tsa setshaba tsa lefatshe la Botswana di tlaa tshwarwa ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Phalane, ba ofisi ya ditlhopho kwa kgaolong ya Mahalapye bophirima ba bolela fa ba tshwere ka mashetla go baakanyetsa ditlhopho tseo.
Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima, Rre Peter Mahlakata, o kaa fa ba tsweletse le go tsenya diphuthego mo dikgaolong tsa Shoshong le Mahalapye Bophirima go lekodisa dikgosi, baruti ba dikereke le banana ba ba diragatsi ka ikwadisetso ditlhopho tse di tlang tsa 2014.
Rre Mahlakata o boletse mo potsolotsong gore maikaelelo a diphuthego tseo ke go rotloetsa dikgosi, baeteledipele ba dikereke le mapolotiki go kgothatsa Batswana go ikwadisetsa ditlhopho tse di tlang ka bontsi.
A re badiri ba lekgotla la ditlhopho le ba ofisi ya Omang ba tlaa tsamaya le metse ya kgaolo ya Shoshong le Mahalapye Bophirima go tlhalosetsa setshaba ka tshimologo ya ikwadisetso ditlhopho le go shafatsa dikarata tsa bone tsa Omang gore e re ikwadisetso ditlhopho e e tlaa tshwarwang ka kgwedi ya Phalane e tlhola gane go tsena e le 27 mono-ngwaga dikarata tsa bone di bo di le mo tirisong.
Rre Mahlakata o tlhaloseditse ba BOPA fa ba setse ba simolotse go amogela maina a banana ba ba ikopetseng go ya go kwadisa batho fa ikwadisetso ditlhopho e simolola.
A re e re ntswa dikgaolo tseo ka bobedi di sa amiwa ke lekgotla le le neng sekaseka kgaoganyo ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente, gone batho ba motse wa Tewane, Meraka ya Mmadipheretlha le ba masimo a Patikwane jaanong ba hudusitswe mo kgaolong ya Shoshong go tsena mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima fa batho ba motse wa Dibete bone ba hudusitswe mo kgaolong ya Mahalapye botlhaba go tsena mo go ya Shoshong.
Rre Mahlakata o tlhalositse fa dingwe tsa dikgaolwana tsa bokhanselara tse di amegileng e le ya Herero e jaanong e fetotsweng leina go nna Mahalapye Central gammogo le ya Dilaene e e neetsweng batlhophi bangwe ba ba neng ba ntse ba wela mo kgaolwaneng ya Herero. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 15 Aug 2013






