Lehuma le ama bomme thata
14 Aug 2013
Mmaboipelego wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume, Mme Chawapa Liya a re kgaolo potlana ya Tutume e na le bomme ba le 1 702 ba ba kwadisitsweng lenaneo la khansele fa palo ya borre e le 199 mo batlhoking ba ba 1 901 ba ba thusiwang ke khansele.
Mme Liya o ne a bua mo dithuto-puisanong tsa malatsi mabedi di rulagantswe ke bomme ba kgaolo eo le maphata a a farologaneng di lebagane le bomme fela kwa Tutume ka Labobedi. Fa a tshwaela tebang le tlhogo e e neng e re; “bomme le lehuma”, Mme Liya o ne a bolela fa bomme ba ameilwe ke lehuma thata.
O ne a bolela fa seemo se se ngomola pelo, ka bomme bangwe ba adimile tshwene marapo ntswa go na le mananeo a mantsi a ba ka ithusang go intsha mo diemong tse ba mo go tsone. O gwetlhile bomme go ema ka dinao go inaakanya le mananeo a puso a nyeletso lehuma.
O kgadile bomme bangwe ba ba senyang nako ka ditshele, le dithamakgorwana tse di sa ba iseng gope. A re gape ba tswe mo kgannye ya gore “ke wa ntlo ya lehuma”. Mme Liya o ne a tlhalosa fa ofisi ya boipelego e lebagane le go fetola matshelo a batho go a baya mo seemong se se eletsegang e seng go phakisa batlhoki dijo jaaka bangwe ba akanya.
Mongwe wa batsena dithuto Mme Takungwa Anderson o ne a supa fa kitso e tlhaela kwa bathong, a re gape ofisi ya boipelego ga e rute batho ditiro tsa yone, ke ka moo ba tsayang gore kwa ofising eo go thusiwa batlhoki go bona dijo.
Mme Anderson a re bomme ba nyoretswe go itirela mathata ke go tlhaela ba ba ka ba bontshang lesedi le tsela gore ba kgone ditoro tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi-Masuruke
Location : TUTUME
Event : Thuto puisanyo
Date : 14 Aug 2013






