Breaking News

VDC e tshwanetse go thusa mo ditlhabololong

14 Aug 2013

Modulasetilo wa komiti e e okametseng ditlhabololo tsotlhe tsa Mahalapye, Mme Baareng Raphane a re ke boikarabelo jwa VDC go bona gore matshelo a batho a a tlhabologa mo motseng le go thusa ba ba iseng ba bone dithuso tsa morafe kana puso. 

O buile jalo  kwa moletlong o ba komiti ya botalathoma kwa Mahalapye ba neng ba fa bana ba le 19 ba akaretsa bana-na-le bogole kwa sekoleng sa Mahalapye dilwana di akaretsa, melora, ditlolo le merogo e e neng e jetswe ka backyard gardening. 

Mme Raphane a re go mo maruding a bagogi jwa motse go bona gore batho ba ba iseng ba bone tsa morafe kgotsa puso, le mororo ba di tlhoka ba a di bona. O lebogetse komiti ya botalathoma go nna sekao mo bathong ba motse oo, gore le bone ba tle ba intshe kwa morago ba atlolole letsogo.

O rotloeditse batsena moletlo oo go thusana le puso ditlhabololo, go lwantsha borukutlhi le go fa bana dithuso le fa botlhoki ja bone bo sa kwadisiwa mo pusong. 

Kgosi ya Mahalapye Kgosi Tshipe Tshipe o ne a kaya fa  kabelano e supa ya morafe le komiti ya ditlhabololo tsa motse e morafe o e itlhophetseng ka tshepo le thomo.

Kgosi Tshipe a re segologolo nyeletse mo motho a neng a kgona go kopa sukiri mo moagisaning a re malatsi ano mongwe le mongwe o  tshaba moagisani.

A re seane se se reng matlo go sha mabapi e ne e le sesupo sa go ipelega   kutlwelano botlhoko le go ratana.  

A re e re ka puso e rwele ditlhako go thusa ba e ka kgonang go ba thusa, ke maikarabelo a dikomiti tsa motse go bona fa le tsone di thusa puso morwalo fa di kgonang teng. E ne e rile go pele Raboipelego go tswa kwa khanseleng- potlana ya Mahalapye Rre Mbiganyi Temba a  akgolela komiti ya botalathoma go abela bana dilwana. 

Rre Temba o boletse fa go  supa bopelotlhomogi mo setshabeng e bile e le sesupo sa  lerato le boikarabelo. Sebueledi sa Komiti eo, Rre Goabaone Mompati o kaile fa tiro ya VDC e le go thusa Batswana ka go ba fa dijo, diaparo, le tse ba di tlhokang le go netefatsa pabalesego mo motseng. 

Rre Mompati a re ba tlaa ruta morafe  botlhokwa jwa go abelana le go tswa babangwe thuso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thebeetsile Orapeleng

Location : MAHALAPYE

Event : Moletlo wa komiti

Date : 14 Aug 2013