Tlogelang go swa senku
14 Aug 2013
Kgosi ya Tati Town, Mme Ludo Mosojane a re bomme bangwe ba sa ntse ba na le mokgwa wa go loba dilo dingwe tse di maswe tse di ba diragalelang mo botshelong jaaka kgokgontsho mo malwapeng.
Kgosi Mosojane o buile jalo kwa thuto-puisanyong ya bomme ba kgaolo potlana ya Tutume e e neng e tshwaretswe kwa Tutume ka Mosupologo. Kgosi a re bomme ba a kgokgontshiwa mme ga ba tswele kwa ntle go bua ka dikgwetlho tse ba kopanang natso mo bathong ba ba tshelang le bone.
O ba kopile go tswela tswaing ba abelane le babangwe dikgwetlho tse ba kopang natso gore ba kgone go bona ditharabololo tsa tsone. O boletse gore go nna ka botlhoko go borai ka felela go ama botsogo jwa motho.
O ne a tswelela a bolela fa bomme e le batho ba ba nang le talente le megopolo e me ntle le tebelopele, a re mmaba mogolo mo go bone ke poifo ya go supa bokgoni ja bone.
Kgosi Mosojane o ne a gwetlha bomme go ema ka dinao go thusana mo diemong tse di maswe le go supa kutlwelobotlhoko le kemonokeng mo go ba ba amegileng. O ile a galaletsa mmuso go bo o eme bomme nokeng le go rotloetsa tswelelopele ya bone ka go dira mananeo le melao e e ba sireletsang.
Mongwe wa dibui mooki kwa kokelwaneng ya Thini kwa Tutume, Mme Selebaleng Baoleki o boletse gore kgaolo potlana ya Tutume e di feta tsotlhe lefatshe ka bophara ka palo ya batho ba ba amilweng ke megare ya malwetsi a tlhakanelo dikobo.
Mme Baoleki o ne a re seemo seo se supa fa batho ba tlhakanela dikobo ba sa itshireletse kana ba sa direse sentle dikausu, a re gape le tiriso ya melora e e tlhapang e na le ditlamorago bogolo jang mo go bomme.
O gakolotse bomme go ipabalela ka nako tsotlhe. Maikaelelo a dithuto tseo e ne e le go rotloetsa bomme le go abelana megopolo gape e le go tlhagolela tsela letsatsi la mafatshe-fatshe la kgokgontsho ya bomme le bana le le tlaa bong le tshwaretswe mo kgaolong ya Tutume kwa Nkange. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Thuto puisanyo ya bomme
Date : 14 Aug 2013






