Thuto ka thibelo melelo e botlhokwa
14 Aug 2013
Babereki ba lephata la ditimamolelo ba rotloeditswe go rutuntsha setshaba ka go thibela go tlhagoga ga melelo le go tima melelo e e ka tlhagogang.
Fa a bua kwa letsatsing la kaloso ya baithuti ba lephata la melelo bosheng, mogolwane wa moepo wa magala wa Morupule, Rre Gontsemang Ntshiamisang, o boletse fa go tlhokafala gore badiri ba lephata la ditimamolelo ba dirisane le setshaba.
A re dialogane tseo di tsena mo karolong ya go dirisa botsipa jo ba bo rutilweng jwa go sireletsa setshaba ka go emisa melelo e e ka tlhagogang mme ba tshwanelwa ke go dira tiro ya bone ka matsetseleko le ka kelotlhoko ka setshaba se beile mo go bone.
Rre Ntshiamisang o boletse fa go tlhokafala itshireletso e e kwa godimo mo tirong ya go laola le go tima molelo ka bangwe ba kgona go golafala kana ba tlhokafala, a bolela fa go le botlhokwa go sala ditaelo morago.
A re badiri ba ditimamolelo ba tshwanelwa ke go nna ba le podimatseba ka dinako tsotlhe ka ba tshwanelwa ke go tsibogela melelo.
O boletse fa go le botlhokwa go nna ba ipaakanyeditse tiro ya bone ka dinako tsotlhe go hema dikotsi tse di ka diragalang.
Mogolwane wa ditimamolelo wa kgaolo ya bogare, Rre Whitfield Joshua, o boletse fa
dikgaolo tse dingwe di atologane mme fa go tlhagoga molelo, ba tshwanelwa ke go o tsibogela mo metsotsong e fera bobedi go ya kwa go e le lesome.
A re babereki ba lephata la ditimamolelo ba tshwanelwa ke go nna le kapari e e faphegileng ya tiro ya bone mme fa ba se na yone go diphatsa mo matshelong a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Letsatsi la kaloso ya baithuti
Date : 14 Aug 2013






