Breaking News

Chess e ruta bana dipalo

14 Aug 2013

Monni wa kgotla ya Shageng kwa Letlhakeng o tlhalositse fa motshameko wa morabaraba wa chess o ruta bana dipalo.

Rre Orebotse Gakeloe yo a reng o ithutile morabaraba wa sekgowa ka nako e a neng a le legolegwa kwa Molepolole, o boletse gore o na le setlhophana sa basimanyana ba ba dingwaga  di fa gare ga bosupa le lesome le bobedi se a se rutang motshameko wa chess.

Rre Gakeloe a re e sale a tlhama setlhophana se,bana ba se rata thata ka ba felela ba fokotsa metsamao e mentsi mo motseng. O boletse fa a na le bana ba le bararo ba a setseng a itse gore ba ka phadisana le ba bagolwane mme ba kgone go ba fenya.

Le ntswa a dira tiro e ntle e, o lela ka didirisiwa tsa motshameko o ka a na le morabaraba o le mongwe fela. O kopile batsadi go dirisana le bone go mo adima bana ba bone ka nako e khutshwane e a ba tlhokang ka yone le go letlelela ba bangwe ba ba eletsang go ithuta morabaraba o.

Rre Gakeloe a re o eletsa go bona a rutuntshitse bana ba le bantsi le go itlhamela mokgatlho o e leng wa gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanele

Location : LETLHAKENG

Event : Metshameko

Date : 14 Aug 2013