Breaking News

Lerato le rotloetsa boithaopo

14 Aug 2013

Rre Ronald Rakwadi, yo o dingwaga di masome a mabedi le bone wa kgotla ya Bokaa kwa Mogoditshane, a re lorato le bonatla jwa go itirela ka diatla, ke tsone di tlhotlheleditseng mowa wa boithaopo mo go ene.

Rre Rakwadi o boletse mo potsolotsong gore o feletse mo lokwalong la boraro ka a ne a sa dira sentle mme a ya go ikoketsa kwa Tshwaragano Brigade kwa Kumakwane kwa a ithutileng temo ya merogo teng.

O boletse fa a feditse dithuto tsa gagwe mo ngwageng o o fetileng mme ya re a bona go se na ditiro, a gwetlhega go ithaopela ba sekole se sebotlana sa Solomon Dihutso kwa Mogoditshane, kwa a dirang mo tshingwaneng ya merogo. Rre Rakwadi o boletse fa a simolotse go ithaopa kgwedi ya Mopitlo monongwaga mme a kgona go tswelela ka ntlha ya tirisano fa gare a gagwe le barutabana.

O tlhalositse fa go ithaopa go busetsa ka gore fa a ruta bana ba sekole a dirisana le barutabana ba bone, o kgona go ikgakolola le go diragatsa se a se ithutetseng kwa sekoleng.

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Solomon Dihutso, Mme Cecilia Mogotlwane, o akgotse Rre Rakwadi go menagane, a re fa e sale a tla, tshingwana ya bone ya merogo e mo seemong se se eletsegang.  Rre Rakwadi o gakolotse banana ka ene go se ke ba ikaega gotlhelele mo pusong, a tlhalosa fa mongwe le mongwe a filwe botlhale jwa go itirela.

O tsweletse a re o tlhokile lesego ka one a tlhokafalelwa ke batsadi a le dingwaga di le lesome le boraro mme ene le monnawe yo a dirang lekwalo la bosupa, ba ne ba godisiwa ke dithuso tsa boipelego.

O ne a tlhalosa gore, “go ithaopa fa, go nthutile go dirisana le batho, bogolo jang bana ba ba nang le bogole. Ke goletse mo tshotlegong, ka jalo ke dira se go thusa ba bangwe gore ka moso le bone ba kgone go inosa metsi. Mokodue go tsoswa o o itekang,”

Rre Rakwadi a tlhalosa gore o ikaelela go kopa madi a banana mo ngwageng o o tlang gore a ipulele kgwebo ya gagwe ya dijwalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kenanao Mmopi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 14 Aug 2013