Ngwana o tshwanelwa ke go itse batsadi ba gagwe
15 Aug 2013
Maloko a komiti e e sireletsang le go lwantsha dikgwetlho tsa bana le setshaba ka kakaretso, ba kopilwe go netefatsa gore a bana ba tshela sentle e bile ba sireletsegile ka dinako tsotlhe.
Mafoko a a builwe ke mmaboipelego wa khansele ya Tsabong, Mme Nametsegang Peloyame, kwa thuto puisanong e e neng e tshwerwe bosheng.
O ne a tlhalosa fa molao o o sireletsang bana wa ngwaga wa 2009, o tlhalosa gore ngwana mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go itse batsadi ba gagwe botlhe le gore a utlwe bothito jwa lorato la bone le fa ba sa tlhole ba le mmogo.
O ne a tswelela ka go supa fa molao wa bana o tlama gore ngwana mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go bona thuto, botsogo, bonno, go tlhokomelwa ka dijo le diaparo le tse dingwe, a supa gore go tlhoka go dira jalo ke go tsuolola ditshwanelo tsa bana e bile batsadi ba ba sa direng jalo ba ka tseelwa dikgato tse di gagametseng.
Mme Peloyame o ne a tlhalosa le gore bana ba tshwanetse go akarediwa mo mererong ya selegae le go gakolola batsadi, go tsaya boikarabelo ba sa le bannye ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso.
Sergent Luci Toto wa sepodisi sa Tsabong, o ne a bega gore go tswa mo dingwageng tse di fetileng go fitlhelela ka kgwedi ya Seetebosigo monongwaga, ba amogetse dikgetse di le masome a mabedi le borataro tsa go tlhakanela dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro.
Mme Toto o ne a supa batsadi bangwe ba a reng ba gataka ditshwanelo tsa bana ka gantsi ba di loba fa tse dingwe ba felela ba tsholotse dikgetse tsa mofuta oo, ba lebile gore ba tlaa atswiwa ka sengwe, a supa fa go dira jalo go sa siama ka ngwana ene a felela ka go tshela ka botlhoko mo pelong ya gagwe botshelo jotlhe.
Mokwaledi mogolo wa lekgotla la ga mmakaseterata kwa Tsabong, Rre Ditsaone Mogamisi, o ne a tlhalosa ka ditsamaiso le ditshekatsheko mabapi le dikgetse tsa dikotlo tsa bana fa go ikuetswe kwa lekgotleng leo.
Kwa bofelong jwa dithuto tse, ba komiti e e bopilweng ka maphata a puso a a dirisanang le bana, e ne ya supa ba itlamile go leka ka bojotlhe go tlhomamisa gore a bana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba sereletsgile ka go ba lekola nako le nako mo metseng e e farologanyeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 15 Aug 2013






