Breaking News

Rekegelang itsholelo - Rakhudu

13 Aug 2013

Batswana ba kopilwe go emisa go gopela itsholelo ka tshenyetso setshaba.

Mafoko a a builwe ke mothusa tona wa papadi le madirelo, Rre Keletso Rakhudu jaaka a ne a simolodisa mokgatlho wa thwantsho tshenyetso setshaba kwa Mahalapye semmuso mo bosheng.

Rre Rakhudu a re tshenyetso setshaba e ile magoletsa, bogolo jang ka e dirwa ka botsipa jo bo kwa godimo. O ne a kopa Batswana ka kakaretso go rekegela lefatshe la bone gore le nne lefatshe la thitibalo.

O ne a bua a sa kgale  mathe ganong ka puo e e tlwaelesegileng ya ‘go ja sengwenyana’, e a supang fa e le bosula thata ka itsholelo e gopelwa ka go batla go tlhapisiwa diatla. Rre Rakhudu o ne a kopa Batswana gore ba ikgakologelwe, ba dibele itsholelo ya lefatshe leno. O ne a kopa batsadi go bana ba bone tlhoko, a gateletse mo go simololeng bogotswana ba sa le babotlana.

Moletlo wa go simolodisa mokgatlho wa go lwantsha tshinyetso o ne o tseneletswe ke mookamedi wa lekalana la twantsho tshenyetso setshaba, Mme Rose Seretse, mopalamente wa kgaolo eo Rre Bernard Bolele, makhanselara, bodiredi jwa puso go balelwa le ba Botswana Railways, dikgosi, le morafe wa motse wa Mahalapye ka kakaretso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : MAHALAPYE

Event : Tshimolodiso mokgatlho

Date : 13 Aug 2013