Breaking News

Kgosi o akgola komiti

14 Aug 2013

Kgosana ya Matlhatlhaganyane kwa Tsabong e bile e le leloko la komiti ya kgaolo potlana ya Tsabong ya tshireletso bana, o akgoletse maloko a komiti eo go bo a itlamile go emela pabalesego le kgololesego ya bana ba Tsabong le metse e e mabapi.

Rre Kaartze a re ga se mongwe le mongwe fela yo o ka ikaelelang go netefatsa gore bana ba a tlhokomelwa e bile ba babalesegile bogolo jang fa bana bao e se ba gago ka tsalo. A re e le ruri batho ba mofuta o ba a tlhokwa.

Fa a bua kwa thuto-puisanong e  rulagantswe ke komiti eo bosheng, Rre Kaartze o boletse fa komiti e, e tlhophilwe ngogola ka  Moranang mme e setse e itshupa fa e ikiteile sehuba, ka e dira tiro ya yone ka bonatla le manontlhotlho.

O tsweletse ka go galaletsa komiti eo, a re maloko a yone a na le mowa wa tirisano mmogo, ka ba bereka mmogo sentle go se na dikgotlhang dipe. Rre Kaartze a re komiti eo, ke sekao sa nnete mo setshabeng ka kakaretso ka e rotloetsa mowa wa lerato le bojammogo. 

O tsweletse ka go ba lebogela thuto ya tlhokomelo le pabalesego ya bana e ba e isang kwa setshabeng. Rre Kaartze o rotloeditse maloko a komiti eo gore a seka a nyemisiwa moko ke dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong e ya bone, jaaka letlhoko la madi le tlhaelo ya didirisiwa.

O ba gwetlhile go tia moko ka dinako tsotlhe gore ba tle ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Manene

Location : TSABONG

Event : Thuto puisanyo

Date : 14 Aug 2013