Breaking News

Dithuto tsa go suga bananyana di a simololwa

13 Aug 2013

Banni ba metse ya Kedia le Mokobaxane ba itsisitswe gore lephata la thuto le tlaa simolola dithuto tsa go suga bana ba dingwaga tse tlhano le sephatlo mo dikoleng tse dipotlana, go ba baakanyetsa go ya go simolola lekwalo la ntlha.

Motlhatlhobi wa dikole kwa kgaolong potlano ya Boteti, Mme Agnes Babili a re lenaneo le le tlaa simolola mo dikoleng tse di nang le matlwana a borutelo a a sa dirisiweng. Le ga le o supile gore komiti ya ditlhabololo tsa motse le yone e ka thusa fa e na le dikago tse di sa dirisiwang.

Le fa go ntse jalo, Mme Babili o tlhalositse gore maiteko a go suga bana ba ba yang go bala lekwalo la ntlha a tsweletse le gore ikwadiso e setse e simolotse. 

O supile gore bana ba ba tlaa dirang lekwalo la ntlha mo ngwageng o o tlang ba dira tonto tshipidi dikgwedi tse tharo tsa bofelo jwa ngwaga, fa ba lekwalo la bosupa ba sena go kwala ditlhatlhobo.

O buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke maphata ka go farologana, a supa fa mo nakong eno, dikole ka bontsi kwa Boteti di tlhaelelwa ke matlwana a borutelo, e bile ba bana bangwe ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare.

Mme Babili a re tiro ya go tlhatlhoba dikole ke go tlhomamisa gore bana ba rutwa sentle go dirisiwa lenaneo la thuto le le tlhomamisitsweng, le gore ba rutelwa mo lefelong le le phepa, le na le ditlamelo tse di lekaneng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : KEDIA

Event : Phuthego

Date : 13 Aug 2013