Bophepa ke konokono mo botsogong
13 Aug 2013
Bophepa mo tikologong le lebopo bo kailwe bo le botlhokwa mo botsogong jwa batho ka bo fema malwetse a a borai.
E rile mogolwane wa khamphani ya Collect-a-Can, Rre Fredy Morwaagole a bua ka letsatsi la kabo dikgele tsa motse o o phepa mo kgaolong ya Kgatleng ka Labotlhano kwa Oodi, a kgothatsa Batswana go tsaya boikarabelo jwa go phepafatsa tikologo ya bone.
A re go gasagasa matlakala go leswefatsa tikologo ka moo batho ba tlhoka kitso ya gore matlakala a tshwarwa jang. Rre Morwaagole a re o lemogile gore mono Botswana batho ba latlhela matlakala mo tseleng mme ba leswafatse tikologo.
Letsatsi leo le ne le tsibosa Batswana go emisa go gasagasa matlakala, mme metse ya bo e iteisana borathana go bona o o phepa go gaisa. Rre Morwaagole a re dithuto di tsentswe ka go emisa go gasagasa matlakala mme mathata a sa ntse a le teng ka batho ba tsweletse ba baya matlakala mo mafelong a a sa tshwanelang.
O ne a rotloetsa Batswana go nna le ditanka tsa matlakala mo malapeng go tsenya matlakala mo teng gore a isiwe kwa go tshwanetseng. Rre Morwaagole yo kompone ya bone e gwebang ka go rekisa dithini o ne a lemotsha Batswana fa matlakala a le mosola ka a ka tsisetsa motho itsholelo. A re matlakala a kgona go busediwa mo tirong mme ka jalo Batswana ba tshwentse ba ithuta matlakala a a mosola le a a ka latlhwang.
A re kompone ya collect-a-can e busetsa dithini mo tirisong mme ba duela batho ba ba ba rekisetsang dithini tseo ka jalo a rotloetsa dikomiti tsa ditlhabololo go simolola kgwebo ya mofuta oo ka go ikgolaganya le bone gore ba bone letseno.
Rre Morwaagole o ne a tlatsa ka gore matlakala a a sa tlhokomelweng a felela a kgotlela tikologo mme a fetole seemo sa loapi, mo go ka nnang diphatsa. A re Batswana ba tshwanetse go sireletsa tikologo ya bone le lebopo ka bophara.
Mothusa mokwaledi wa khansele ya Kgatleng, Rre Jayson Sechele o ne a kaya maikaelelo magolo a letsatsi leo e le go rotloetsa bophepa mo metseng ya kgaolo ya Kgatleng.
Rre Sechele a re fa metse le Batswana ka bongwe ba ka tsaya boikarabelo ja go phepafatsa metse le malapa a bone bophepa e ka nna selo se se botlana go tshegediwa. Mothusa mokwaledi a re matlakala a tshwanetse a bewa fa go lebaneng gore a tsewe teng, mme a isiwa kwa thotobolong.
Rre Sechele o ne a tlatsa ka gore dikomiti tsa matlakala mo metseng di tshwanetse tsa bereka le morafe go phepafatsa metse.
Motse o o gaisitseng yotlhe ka bophepa mo Kgatleng e nnile wa Morwa, o salwa morago ke Rasesa mme wa Matebeleng wa tsaya maemo a boraro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : OODI
Event : Letsatsi la kabo dikgele
Date : 13 Aug 2013






