Borre ba kopiwa go tlhokomela bana
13 Aug 2013
Borre ba kopilwe go tlhokomela bana ba bone go itsa gore bo mmabana ba e go ikuela kwa makgotleng a ga mmakaseterata.
Go kopile jalo Rre Ditsaone Mogamisi yo e leng mokwaledi kwa lekgotleng la ga mmakaseterata la Tsabong mo dithuto-puisanong bosheng di rulagantswe ke ba komiti ya tshireletso le tlhokomelo ya bana le gone go lwantsha dikgwetlho tse ba kopanang le tsone tsatsi le letsatsi.
Rre Mogamisi o ne a tlhalosa fa lekgotla leo le letleletswe go reetsa, le go sekaseka le go tswa ka ditharabololo e le tsela ya go diragatsa molao wa go sireletsa bana. Mokwaledi o ne a supa fa ba tshwenngwa thata ke dikgang tsa kotlo ya bana kwa Kgalagdi borwa.
O kaile fa ka ngwaga wa 2010, ba gatisitse dikgang di le 79, ngwaga wa 2011 di le 68 , le di le 69 ka 2012 fa monongwaga mo nakong ba setse ba gatisetse di le 50. Rre Mogamisi a re gantsi bomme ba ba ikuelang ke banana ba dingwaga tse di lesome le bohera bobedi go ya kwa godimo.
A re dikgang tse fa di sena go reediwa, bontsi jwa borre ba felela ba duela sentle madi a kotlo ya bana go tswa fela gore go dumalanwe gore a tlaa tsewa ka tsela e e ntseng jang.
O boletse fa ba leka bojotlhe gore dikgang tse di sekwe ka bonako mme nako e nngwe tiego e nna teng ka mabaka a gore mongongoregi a bo a sa itse kwa moiphemedi a leng teng.
Rre Mogamisi o ne a kopa komiti eo go ema ka dinao go ruta setshaba ka dikgwetlho tse di amang bana, le tswa ka ditharabololo tsa tsone le gone go tlhomamisa gore a ba tlhaloganya molao wa tshireletso ya bana wa ACT 2009. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Thuto dipuisano
Date : 13 Aug 2013






