Kereke e gakololwa go ruta boitshwaro
13 Aug 2013
Mogolwane wa ofisi ya tlhabololo matshelo, Rre Keedigetse Mhapha, a re go lebega kereke e ngodiega mo go direng tiro ya yone ya go kaela bana tsela ya boammaaruri.
O buile se kwa Letlhakane mo phuthegong ya ngwaga le ngwaga ya bomme ba kereke ya St Phillips Faith Healing. A re makgotla a tumelo ya sekeresete a tshwanetse go ruta thata ka boitshwaro. A re go botlhokwa thata go tlhabolola motho.
Le fa go ntse jalo, Rre Mhapha a re bomme ba tsweletse ka go nna le seabe se se bonalang ba leka go godisa bana ka lorato, boikarabelo le setho le gone go tlhabolola matshelo a tshaba ka kakaretso. A re mekgatlho ya dikereke ka go farologana, segolo bogolo e e eteletsweng pele ke bomme, e eme ka dinao go bopa botshelo jwa motho.
Rre Mhapha a re lephata la boipelego le ntsha ditlamelo go tokafatsa matshelo a batho gore ba ikutlwe ba na le boleng mo setshabeng, a tlatsa ka gore tiro e dirwang ke lephata le, e simologile ka thotheletso ya tumelo ya Sekeresete.
A re dikereke di tswa kgakala di dira tiro ya boipelego le go tlhabolola matshelo a batho ka go tlamela masiela, dikhutsana le batlhoki le gone go thusa ka ditlamelo tse dingwe tsa botlhokwa mo botshelong jwa motho. Rre Mhapha a re le fa bomme ba dira ditiro tse di tsamaisang lefatshe, sebe sa phiri ke gore seabe sa bone ga se fiwe tlotlo e tshwanetseng.
A re mo tsamaisong ya lefatshe ka bophara, ga go motlhofo go bona mme a tshwere maemo a boeteledipele mo setshabeng.
Rre Mhapha a re bomme ke baeteledipele ba mananeo otlhe a ditlhabololo ka go dira ditiro tsa boithaopo le go godisa bana. A re ditiro tse di dirwang ke bomme di tseelwa kwa tlase le fa tota di le botlhokwa.
Le fa go ntse jalo, Rre Mhapha a re bomme ba ruta setshaba tsela ya boammaaruri mme a ba rotloetsa go tsena mo dikomiting tse di sireletsang ditshwanelo tsa bana.
A re go a tshwenya go bona bana ba tsweletse ka go kgokgontshiwa mo makalaneng ka go farologana go balelwa le tsone dikereke, mme bomme ba le teng ba sa eme ka dinao ba kgalema.
Moemedi wa ofisi ya sepodisi sa CID kwa Letlhakane, Mme Neelo Phuthegelo, o gakolotse bomme go nna baeteledipele ba ba nang le boammaaruri ka go sireletsa bana le go netefatsa gore dikereke di gasa lefoko la Modimo, e seng sepe gape.
Mme Phuthegelo a re badiragatsi ba molao ba tshwenngwa ke go begela dikgang tsa borukutlhi go tswa mo dikerekeng di akaretsa go itirisetsa madi kana dithoto tsa phuthego, dikgang tsa bomme le bana ba betelelwa go twe ke tsela yo kalafi.
O gateletse thata gore bomme ba tshwanetse ba etelela mo dikerekeng mme ba tlhomamisa gore bana ba phuthego ba itshwara ka setho se se eletsegang mo setshabeng.
A re kereke e tshwanetse ya direla tiro ya yone mo pontsheng go se na sepe se se filthegileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Letlhakane
Event : Phuthego ya kereke
Date : 13 Aug 2013






