Go kgaoganya mafudiso le masimo go mosola
17 Jan 2013
Go kgaoganya masimo le mafudiso go ka thusa banni ba Chanoga le mafelo a a mabapi. Modulasetilo wa lekgotlana la kaboditsha la Tawana, Rre Kgato Motai, o ntshitse kgakololo bosheng fa a tshwere phuthego kwa Chanoga.
O buile jalo morago ga gore kgosana ya Mawana, Rre Mpontsheng Lelathego a re morafe o ngongoregela gore masimo a bewa kwa leruo le ka fudusetswang teng.
Rre Motai o gakolotse morafe go tsaya kgato go boela mo ngwaong ya go farologanya masimo, meraka ga mmogo le metse. A re go aga mo teng ga masimo ga go ka fa molaong.
O boletse fa lefatshe e le la morafe mme tiro ya ba kabo ditsha e le go le ba tlhokomelela le go ba thusa go le tsamaisa mo tirisong ya lone.
A re go mo maruding a morafe wa Chanoga go ikopanya go bona gore mafudiso a ka nna kae mme morago ba rolele ba kaboditsha tshwetso ya bone ka mokwalo.
Rre Motai o gakolotse banni ba metsana ya Mawana le Xhana fa tshekatsheko ya banni ba ba nnang mo metsaneng eo e tsweletse.
A re tshekatsheko eo e tlaa thusa go emisa go runya ga metse le go ipaya fela seemo se a kaileng fa se bifetse pele e bile se tshwenya.
Morafe le one o kgadile o sa kgwe mathe batho ba ba kopang ditsha mme morago ba di rekise.
Ba re ke nako ya gore lekgotla la kaboditsha le lone le tseye kgato go ba thibela.
Selelo sa morafe gape e ne e le masimo a a fetogileng dikgwa ntswa tlhaelo ya lefatshe e le kwa godimo. Ba boleletse Rre Motai fa ba tshela ka temo le leruo e bile ba tswa goo-Lowe motse o sa agiwe mo tshimong fa lesaka le lone le ne le sa agelwe kgakala le motse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : MAUN
Event : Phuthego
Date : 17 Jan 2013






