Twantsho tshenyetso setshaba e tlhoka seabe sa botlhe
12 Aug 2013
Mothusa tona mo lephateng la papadi le madirelo, Rre Keletso Rakhudu, a re maiteko a go nyeletsa tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo a ka atlega fela fa baeteledipele ba lefatshe ba ka ikgogela morago mo go nneng le seabe mo ditirong tsa tshenyetso setshaba.
Rre Rakhudu yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Gaborone bokone o buile mafoko a fa a ne a simolodisa semmuso mokgatlho wa twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo o o bopilweng ke batho ba motse wa Mahalapye o o bidiwang Mahalapye Community Anti Corrution Club bosheng kwa dikagong tsa ba thuto.
Modulasetilo wa mokgatlho ono, Rre John Ramaphato o tlhalosiste fa maloko ba tlhamile mokgatlho o no go ruta le go kgothatsa bangwe ka bone le morafe go lwantsha tshenyetso setshaba.
Rre Rakhudu o ne atswelela ka go bolela gore dikgang tsa tshenyetso setshaba tse di amanngwang le baeteledipele bangwe ba lefatshe go balelwa badirela-puso di ka diga seriti sa lefatshe leno le go rotloetsa batho ka bongwe ka bongwe go nna le seabe mo ditirong tsa tshenyetso setshaba ka jaana ba itse fa go se ope yo o ka lomang puso tsebe ka ditiro tsa go nna jalo.
Tona Rakhudu o boleletse batho ba ba neng ba tsene letsatsi leo fa tshenyetso setshaba e dirwa ke batho bangwe ka maikaelelo a go ikhumisa ka dithoto tsa setshaba le go thapa batho mo ditirong ka go dirisa losika kana botsala ntswa batho ba go nna go jalo ba sena dikitso tse di tlhokwang.
Rre Rakhudu o boletse fa makgotla a twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo a tsile ka nako e e tshwanetseng ka jaana go na le dikgang di le mmalwa tse di begwang nako le nako mabapi le tshenyetso setshaba segolo jang mo maphateng a mmuso le dikompone tse di tlhakanetseng kgwebo le mmuso.
A re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe mo go lwantsheng tshenyetso setshaba ka go dirisana le badiri ba DCEC, Mapodisi, dikomiti tsa twantsho borukutlhi le bagolwane ba motse ba tshwana le dikgosi,maloko a dikomiti tsa ditlhabololo le makhanselara. Bokutlo
Source : BOPA
Author : Thebeetsile Orapeleng
Location : MAHALAPYE
Event : Thebeetsile Orapeleng
Date : 12 Aug 2013






