Breaking News

Dikgosi di rotloediwa go ikwadisa mo koporaseng

01 Apr 2019

Mogolwane wa koporase ya Bogosi SACOS kwa Molepolole Rre Lister Magowe o rotloeditse dikgosana go nna maloko a koporase e a reng ke lekalana le le ka fa tlase ga lekgotla bone.

Fa a buisa lekgotla la dikgosana kwa Goo-Tau bosheng,  Rre Magowe o tlhalositse fa Bogosi SACOS e e tlhamilweng ka 2012 ke maloko a lekgotla la dikgosana lefatshe ka bophara e le bontlha bongwe jwa go tokafatsa matshelo a dikgosana.

O boletse fa koporase e e le ya peo le kadimo, moono e le go kopanyetsa golo go le gongwe mme morago ba ikadime ka melawana e ba e ipeetseng.

A re ope yo o eletsang go nna leloko o  rotloediwa go ntsha P100 wa boloko ba bo ba ntsha P500 go reka diabe mo koporaseng.

O ne a re boloko jwa koporase eo bo tlhokana le gore motho a bo a le kgosi e e tlhomamisitsweng kana e le modiredi wa kgotla a le dingwaga tse di lesome le boroba bobedi le go feta.

O ne a gatelela gore fa go buiwa ka dikgosi go buiwa ka batho ba ba tshwanetseng go tlotlwa, ka jalo ga ba eletse go golagana le batho ba ba tlaa gogang seriti sa kgosi mo seretseng e le maloko a koporase.

O ne a supa fa koporase e e leka bojotlhe go tokafatsa itsholelo ya boloko jwa lekgotla la Dikgosana Association.

Rre Magowe o boletse fa ba na le diofisi mo dikgaolong di le lesome le botlhano lefatshe ka bophara mme e kgolwane e le kwa  Molepolole.

A re go na le ba ba thapetsweng go dupa dibuka go bona gore a koporase e na le dipoelo le go netefatsa gore madi a koporase ga a jewe bofafalele.

Rre Magowe o rurifaditse fa go se na tshwetso epe e e ka tsewang ntleng le therisanyo le makoporase.

O ne gape a gatelela gore maikaelelo a koporase ke go nonotsha itsholelo ya leloko go bona gore ditshwanelo tsotlhe tsa setho tsa maloko di sa tlotlwa.

O boletse fa leso le go golafala mo go itsang gore motho o ka tsena diphuthego tsa koporase a akgela le go thusa mo tswelelong  pele ya koporase e le tsone fela tse di ka emisang boloko.

Rre Magowe o tlhalositse fa keletso ya Bogosi SACOS e le go felela ba nna le banka e e itebagantseng le go thusa makoporase.

Modulasetilo wa lekgotla la Dikgosana Association e bile e le kgosi wa Lesenepole Kgosi Thebe Monyepele o tlhalositse fa ba setse ba kgonne di le dintsi di akaretsa gore dikgosana di simolole go amogela ka payslip jaaka babereki ba puso le gore le bone ba nne le tshiamelo ya go ka bona ditlamelo tsa bobueledi jwa semolao le dithuso tsa botsogo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Juliah Kotlhao

Location : GOO-TAU

Event : Phuthego

Date : 01 Apr 2019