Buisanyang le ba bangwe
12 Aug 2013
Batswana ba rotloeditswe go bulegela ba ba bangwe ka dikgang tsa madi ka go ka thusa thata go rarabolola dikgang tse, mme dikgotlhang tse di tlisiwang ke madi di fokotsege.
E rile morulaganyi wa setlhopha sa ditiragatso sa The Company Maitisong , Rre Gao Lemmenyane a tlhalosa bosheng kwa Molepolole a re, e rile go kanoka seemo le bangwe ka ene ba lemoga fa madi e le tshoso e rweleng mo botshelong jwa Motswana mme fela go se ope yo o tleng a rutuntshe batho ka tiriso ya madi mo bodiragatsing, a tlhalosa gore moono wa bone jaanong o remeletse mo go tsiboseng Batswana le go ba ruta ka dikgwetlho le mekgwa ya go di lwantsha.
Rre Lemmenyane a re kakanyo ya bogologolo ya gore madi ke sephiri di tshwanetse tsa ema mme batho ba kope thuso ba kgone go bua ba phuthologile ka dikgang tsa madi mme ka jalo botshelo bo nne motlhofo.
O boletse gore ka go dira jaana Batswana ba tlaa kgona go direla dilo mo leseding mme ba gakololwe motlhofo mme , dikgotlhang tsa malwapa di rebege.
O tlhalositse fa ba lemogile gore batho ga ba ke ba bulegela ba masika le ditsala mo dikgannye tsa madi ntswa e le tsone gantsi di dirang gore motho a goge dinao kwa tirong kgotsa kwa sekolong.
Rre Lemmenyane o boletse fa maikaelelo a bone e le gore Motswana mongwe le mongwe a tsibogele molaetsa o mme morago a kgone go tsaya ditshwetso tse di siameng a sena go rerisanya le ba losika le ditsala.
Rre Lemmenyane o boletse fa ga bone e le tshimologo e bile ba setse ba tsamaile mafelo a le mmalwa go leka go gasa molaetsa o ka metshameko segolo jang ka e bile ba rotloediwa ke ba Banka ya Barclays.
O ne gape a re go a lemosega Batswana ba a tlhaloganya e bile ba tsaya kgato.
Morafe o o neng o bogetse, e rile o tsibogela dintlha tsa motshameko ba ne ba bolela fa molaetsa wa teng e le o ne o ba o tshelang malatsi otlhe.
Babogedi ba ne ba tlhalosa maitemogelo a bone le diphoso tse ba di dirang mo tirisong ya madi.
Ba dumalane ka gore go iphitisa dikoloto ke go ikgogela mo thaelong, le go saenela dikadimo tsa madi fela ba sa bala konteraka.
Ba ne gape ba dumalana gore ga go ope yo o ka okeletsang yo mongwe madi, e ka nna moruti, ngaka ya setso kgotsa ya sekgoa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boikanyo Sarefo
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego
Date : 12 Aug 2013






