IEC e tlhatlhelela mapolotiki
12 Aug 2013
Ba ofisi ya ditlhopho kwa kgaolong ya Okavango ba tlhatlheletse mapolotiki ka seemo sa go segwa ga melelwane le matlhophelo a masha.
Mogolwane wa dikgaolo tsa botlhophi tsa Ngami/Okavango, Rre Obabaletse Gaotsenelelwe o boletse gore go botlhokwa go kopanela baakanyetso ya ditlhopho tsa ngwaga o o tlang. Dingwe tse a di nankotseng ke matlhophelo a masha mo kgaolong le yone kgaoganyo ya melelwane.
O rotloeditse mapolotiki a diphathi tse di farologanyeng gore go botlhokwa go bereke mmogo, le gone go kaetsa sechaba ka diphetogo tse di dirilweng tsa matlhophelo. Rre Gaotsenelelwe o tshwaetse gore kgaolo ya botlhophi ya bopalamente ya Ngami e na le mafelo a botlhophelo a le masome a boferabobedi le bongwe.
O ile a kaya gore malatsi a go ikwadisetsa ditlhopho a tlaa simolola ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le mane go fitlhelela a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa.
Mogolwane yoo o tlhalositse gore gape ba tla simolola go tshwara diphuthego e le gone go rerisa sechaba le gone go ba gakolola gore ba nchafatse ditlankana tsa bone tsa Omang nako e sa ntse e le teng. O kgadile mapolotiki a a reng a tshwarelela batlhophi dikarata ka a re ga go ka fa molaomotheong go dira jalo.
E rile moemedi wa phathi ya kganetso ya Botswana National Front (BNF), Rre Moruti Mohora a tlhalosa fa ba amogela pego e mme e tlaa ba thusa thata ka bana le pego e e tletseng ya nnete. O boletse gore ba tlaa simolola go ipapatsa sentle.
Mongwe yo o mo komiting ya kgaoganyo ya melelwane a tswa kwa lekalaneng la bana le bogole la Sekgele Rre Gosalamang Xaa o ile a gakolola baemedi ba diphathi tsa kganetso gore go bereke sentle ntswa e le diphathi tsa kganetso go tlaa thusa gore molaetsa o goroge kwa sechabeng ka kagiso.
Phuthego e e ile ya fela ka lekoko le le tsamaya le bona matlhophelo a masha le kgaoganyo ya melelwane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GUMARE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Aug 2013






