Breaking News

Ba-na-le-bogole ba salela kwa morago

12 Aug 2013

Modulasetilo wa mokgatlho wa ba-na-le-bogole kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Ofetotse Bikimane, a re setshaba ga se potlakele go reetsa dilelo tsa ba-na-le-bogole.

Rre Bikimane a re ba-na-le-bogole ba saletse kwa morago ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi, mme a re le mororo puso e dira bojotlhe go ba sekegela tsebe, setshaba sone ga se dire go lekane.

O kaile fa letlhoko la ditiro, kgethololo, letlhoko la madi gammogo le go tlhoka kitso ga setshaba ka ga dikgwetlho tse ba kopanang natso, go ba baya ka fa mosing ka ba sa kgone go itse dilo tsa botlhokwa mme ba salele kwa morago.

O gateletse gore ga go motlhofo gore mo-na-le-bogole a bone tiro ka batho ba dumela fa bogole bo raya gore motho ga a kgone go dira sepe. O tladitse ka gore ba-na-le-bogole le bone ba na le bokgoni ka jalo ba tshwanetse go amogelwa gore le bone ba tie moko.

Rre Bikimane a re letlhoko la madi le ba paledisa go fitlhelela dikeletso tsa mokgatlho mme a ikuela gore le dikompone tse di ikemetseng ka nosi ga di ba sekegele tsebe fa ba ikopela dithuso bogolo jang tsa madi.

Le fa go ntse jalo, a re ba ititeile sehuba gore dikgwetlho tse ga di na go ba kgoba marapo ka mokgatlho wa bone o ikaelela go tlhamela ba-na-le-bogole mebereko.

A re mangwe a maiteko a ba a dirang mo nakong ya gompieno ke go lema merogo mo tshingwaneng e ba e abetsweng go lwantsha lehuma. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 12 Aug 2013