Buka e fa tsholofelo ya lorato
20 Mar 2019
Buka ya Lorato Modi e kailwe fa e tlaa fa babadi tsholofelo ya go ka bona lorato lwa boammaaruri.
Seno se senotswe ke mokwadi wa padi e, e leng Rre Kgosietsile Small mo potsolosong le BOPA mo bosheng.
A re buka e e na le badiragatsi ba le babedi ba ba senolang molaetsa e leng Autlwetse le Dipolelo ba e leng gore ba simolola go ratana ba santse ba le kwa sekoleng se segolwane ba bo ba ya go tsena kwa Moshupa le Moeding ka tatelano go fitlhelela Mmadikole.
Fa o ntse o buisa padi go lemotshega fa lorato lwa bone lo ne lwa simolola go fokwa ke phefo fa moeka a ya go ithutela kwa Canada fa wa mmenyana a sala mo Mmadikole.
Pele ga Autlwetse a ya moseja, o wa ka lengole a kopa go nyala kgarejwana a bo a ya go itsese batsadi ka tshwetso e a e tsereng.
Bodutu jwa ga Dipolelo bo feletsa bo dira gore a imisiwe ke mongwe wa batlhatlhelela dithuto jaaka a tsweletse mme a felela a tlogela sekole a bo a ipitsa ka leina le sele.
Godimo ga moo, o ola lenao kwa gae dingwaga tse tlhano.
E re go le jalo, Autlwetse fa a boela gae morago ga go fetsa dithuto, o felela a itsisewe fa mosadi a sa bonwe a bo a tla go mmatla mo Gaborone go fitlhelela a mmona e bile a le motsetsi.
Rre yo o feletse a amogela ngwana yo a bo a nyala mosadi wa gagwe gobane a mo ratile lorato lwa Bakurinta.
Go ya ka Rre Small, buka e e ruta ka boitshwarelo le bopelotelele tse di fitlhelwang mo loratong lwa nnete.
O tlhalosa fa se se ka gwetlha bangwe go itshekatsheka gore a mme ba mo loratong lwa nnete.
Rre yo wa dingwaga tse di masome mane le bobedi o tlhalositse fa go bolaya le go ikgapela botshelo e se yone tsela ya go itebaganya le kgwetlho ya lorato.
A re o gakolola banana go itse gore lorato lwa boammaruri lo na le boModimo, ka jalo ba seka ba dumela fa go twe lorato ga lo sa tlhole lo le teng.
Mokwadi yo a re o ikaelela go babalela ngwao ya Setswana ke gone jaaka a itlhophetse go kwala buka ka Setswana.
A re se se lemotshega gape le kwa bontsi jwa ditiragalo bo diragalelang teng ka jaana bobedi jo bo tswa mo malapeng a Setswana.
A re o ikaelela go tswelela a kwala dibuka tsa Setswana ka jaana a na le e nngwe e e bidiwang Marara a Botshelo mme e bile a kwala e nngwe ya boraro.
O tlhalositse fa a ikaelela go thusa bakwadi ba bangwe ka jaana a na le khamphani e e gatisang dibuka.
O tlhalosa fa buka e eja masome a matlhano a dipula mme yo o e batlang a ka ikopanya nae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 20 Mar 2019




