Breaking News

Goya o akgola balemi ba Lemone

14 Aug 2013

***AWAITING GOYA PICTURES***

Mopalamente wa Palapye Rre Moiseraela Goya, o akgoletse balemi ba Lemone go tshwaraganela go ikatololela letamo le ba tlaa nwang mo go lone fa ba le kwa masimong.  

O rile a ba akgola, mopalamente a re puso e rebotse gore Ipelegeng e isiwe kwa masimong jaanong ba tlaa thusega ka gore ba ka nna ba dirisa yone Ipelegeng go katolola letamo le go dira tsela e ba lelang ka yone. 

O ne gape a ba gakolola gore ba ipaakanyetse go lema ka gore nako ya go lema e gaufi pula e tloga e na, a tswelela a re puso e okeditse madi a tema jaanong ke P800. 

A re raterekere yo o lemelang batho ka ISPAAD, o tshwanetse a bo a na le dipolantere gore a lemele batho ka ditselana ka gore puso ya re ga e na go lemela ope yo o sa lemeng ka ditselana.

A re maikaelelo ke gore mongwe le mongwe a leme ka ditselana gore Batswana ba itirela dijo e seng go ikanya mafatshe a sele jaaka go ntse.

O ne gape a ba rotloeletsa gore ba ipope ba tsweledise kgang ya go dira masimo a a kopanetseng terata gore ba se ka ba senyediwa ke diruiwa fa ba lemile.

Gape puso e tsere tshwetso ya go dira dipolase tse go tlaa ruelwang dihutshane mo go yone gore ba tle ba rue tse ba tlaa di rekelang batho ba lenaneo la LIMID ka gore go lemogilwe gore ga gotwe go rekelwa batho dipodi tsa LIMID ga di bonale.

 Kwa bofelong mopalamente o ne a itsise ba masimo a makoro gore e rile mo dipalong tsa batho kgaolo ya bone ya botlhophi ya Palapye ya bo e le gone dipalo tsa yone di welang palo e e tshwanetseng, mme dikgaolwana tsa yone tsa bokhansele di ne tsa okediwa tsa tshwara lesome mme jaanong kgaolo ya bone ya bokhanselara e tlaa bidiwa Mmalekokopu.

Modulasetilo wa komiti ya temo, Rre Keotogelwe Mafala o ne a bolela gore maiteko a bone a go katolola letamo a tsweletse mme ka gore puso e ba file Ipelegeng ba tlaa kopa gore ke yone e ba thuse le gone go dira tsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Aug 2013