Megala ya BTC e jelwe ke molelo
14 Aug 2013
Megala ya Botswana Telecommunications Corporation (BTC) kwa Tutume e shele ya bo ya lora ka mo bosheng, morago ga gore molelo o tlhagoge mo lefelong leo.
Modisa dikago tseo, Mme Milidzani Daniel, o tlhalosa gore molelo oo o bonetse mo tlhageng ka fa go beilweng megala teng mme a tlhoka yo o mo thusang ka bonako ka a ne a theogetse a le esi.
O tswelela a tlhalosa gore o me a bona thuso ya bafetikatsela, tshenyo e setse e diragetse.
A re ka nako ya fa molelo oo o tima, o ne a setse o tsamaela kwa dikagong tse ditona, jalo ba o kopantsha.
Mogolwane wa mapodisi a Tutume Superintendent Vusimisi Jorowe, a re le bone ba bone kgabo ya molelo fela mme ga go na ope yo ba boleletseng gore molelo o a sha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 14 Aug 2013






