Puso e akanyetsa barui
14 Aug 2013
Puso e tsere tshwetso ya gore dijo dingwe tsa leruo di fokotswe ditlhwathwa, gore barui ba kgone go di reka.
Mafoko a a builwe ke mokwaledi mogolo wa lephata la temothuo, Dr Marcus Chimbombi, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa motseng wa Matolwane/Lesenepole kwa kgaolong ya Tswapong Bokone bosheng.
Rre Chimbombi a re dijo di tshwana le moroko, letswai, mokento wa dikotla tsa vitamin A le E di fokoditswe ditlhwatlhwa ka go lemogilwe fa e le tsone tse leruo di di tlhokang fela thata.
O ne a araba selelo sa modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Rre Tirelo Montsho, yo o neng a ngongorega gore dijo tsa leruo di turu fela thata mme ka jalo bontsi bo palelwa ke go di reka.
Rre Montsho o ne gape a tlhalosa fa le go direka ba reka kgakala kwa Palapye selo se se bayang barui ka bontsi ka fa mosing.
E rile a mo araba mo go eo, Rre Chimbombi a tlhalosa fa lephata la gagwe le ikaelela go buisana le boradipalamo gore ba ba thuse go isa dijo tseo kwa baruing bogolo jang thata kwa ba se nang diofisi teng.
A re tshwetso e, e tserwe go lebilwe gore ga se morui mongwe le mongwe yo o kgonang, ka jalo go setse fela gore ba bone boradipalamo mme ba dumelane ka ditlhwatlhwa.
Baagi ba motse oo ba ne ba lekodisa Tautona ka seemo sa motse jaaka tsela ya Maunatlala/Lesenepole, e e sa tsamaegeng, go tlhoka poso le dituelo tse di kwa godimo tsa go kgokelo ya metsi mo malwapeng mme Kgosi Gobusamang Mapena wa motse wa Maunatlala, o ne kopa koloi ya kgotla.
Tona wa lephata la dikgaolo Rre Peter Siele, o ne a tlhalosa fa letlhoko la dikoloi le le mo maphateng a puso ka bontsi, mme se se dirwa ke tlhaelo ya madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : Lerala
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Aug 2013






