Ba Ranaka ba supa VDC ka monwana
14 Aug 2013
Baagi ba Ranaka, gaufi le Kanye ba supile komiti ya ditlhabololo ya motse (VDC) ka monwana ba re ke yone e rotloetsang borukutlhi mo motseng wa bone.
Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e tsentswe ke Mokhanselara Kenalemongwe Mopipi bosheng.
Ba re maloko a komiti eo ba itse sengwe le sengwe se se diregang mo motseng e le tshenyetso setshaba mme ga ba tsee dikgato tse di maleba ka ba direla go ja ga masika le ditsala tsa bone.
E rile Rre Mopipi a tswa la gagwe, a re ga go na kagiso mo motseng go eteleditswe lefufa pele, sengwe le sengwe se VDC e se dirang se na le mokwalo mme ga go ise go nne le bosupi jo bo supang VDC e tlhakatlhakanya motse.
Kgosi Karabo Telekelo o ne a mo tlatsa a re dingwaga tse di fetileng ga a ise a utlwe morafe o akgola VDC ntswa e le one o e tlhophang.
A re go na le batho ba ba itlhamelang dikgang ba bo ba tsietsa morafe, le one o bo o dumalana natso. O ne a kopa batho ba ba dirang jalo gore ba emise, a digela ka gore morafe le one o seka wa dumela magatwe a a se nang bosupi. ENDS
Source : BOPA
Author : Kaone Morewagae
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Aug 2013






