Breaking News

Lephata le itlama go nyeletsa kanamo ya mogare

14 Aug 2013

Lephata la Botsogo kwa  Bobonong le boloditse letsholo la go nyeletsa kanamo ya mogare wa HIV morago ga gore kgaolo ya Bobirwa le toropo ya Selebi Phikwe di kaiwe di amilwe ke mogare oo ka dipalo tse di kwa godimo.

Mookamedi wa lenaneo le kwa lekgotleng la Bobirwa la tsamaiso botsogo (DHMT), Mme Doreen Kgosintwa a re lephata le le simolotse lenaneo le ba rotloetsang bakapelo go itlhatlhoba ba le mmogo go itsa go lobelana maduo sa bone morago ga tlhatlhobo. 

Mme Kgosintwa o tlhalositse fa ba tshwentswe ke go golela pele ga dipalo tsa mogare mo Bobirwa le Selebi Phikwe, ke ka moo ba boloditseng letsholo la go lemotsha le go rotloetsa setshaba ka botlhokwa jwa go itlhatlhoba le bakapelo.

O tlhalositse fa lenaneo le, le le bidiwang Tsosoloso Couple HIV Testing Campaign le simolotse kgwedi e e fetileng mme le tlaa tsaya kgwedi.

Mme Kgosintwa o boletse fa lephata la gagwe le thapile barutuntshi ba ba rutetsweng go ruta ka mogare wa HIV ba le masome  mane go ralala kgaolo ya Bobiwa, ba ba  tsamayang ba tsena ntlo le ntlwana go ruta le go rotloetsa setshaba go ya go itlhatlhobela mogare le bakapelo.

O ne a gakolola setshaba go amogela barutuntshi ba lenaneo le mo malwapeng a bone. 

O boletse fa ba tlhomile ditante tsa itlhatlhobelo go ralala metse yotlhe ya Bobirwa mo mafelong a a nang le batho ba ba ntsi jaaka mo dikgotleng, mo manyalong le mo dikokelwaneng.

Mme Kgosintwa o tlhalositse fa ba kgonne go fitlhelela mafelo a a kgakala a tshwana  le Mashatu,Talana Farms le Richmark go isa lenaneo le. O tlhalositse fa lenaneo la bone le tsweletse sentle ka le tsibogetswe ke setshaba ka dipalo tse dintsi e bile le amogela batho ba ba sa tlang le bakapelo ka ga se mongwe le mongwe yo o nang le mokapelo.

Mme Kgosintwa o kopile setshaba go itlhatlhobela mogare ka bontsi gore se tle se thusiwe ka nako fa se fitlhelwa ka mogare ga mmogo le go tsena mo mananeong a tshwana le a diritibatsi le la PMTCT.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : Bobonong

Event : Potsolotso

Date : 14 Aug 2013