Breaking News

Banana ba ipaakanyetsa pitso

08 Aug 2013

Banana ba kgaolo ya Mahalapye ba letse ba phuthegile go ipankanyetsa  Pitso ya banana e e tlaa  tshwarelwang  kwa Maun kgwedi eno, e tlhogo ya yone e leng “Phetolo boitsholo: Moono wa go rotloetsa phetogo le maikarabelo mo monaneng.”

E rile mogolwane wa banana mo kgaolong ya Mahalapye Mme Tootini Mogopa a tlhalosa  maikaelolo a pitso eo, a re tlhogo e ya monongwaga e gwetlha banana go fetola dikakanyo tsa bone ebile gape e ba bulela diphatlha tse dintsi go  tokafatsa matshelo a bone ka go tswa ka megopolo e me ntsi.

Mme Mogopa o boletse fa pitso eo, e ya go fa banana sebaka sa go buisana ka dilo tse di ba amang e bile di na le seabe mo matshelong a bone. 

A re sebaka se sa go kopana e le banana se ka ba thusa gape ka go senola tomagano e e tsepameng gareng ga banana le batsadi ba bone mo mererong e e amang banana ka kakaretso.

 Mme Mogopa o gateletse gape gore banana ba tshwanetse ba dirisana le bagolo le bagogi ba motse ka maikaelelo a go tla ka ditlhabololo tsa sennela ruri mo motseng wa Mahalapye.

A re banana ba tshwanelwa ke go tshwaragana le go nna le boikarabelo mo setshabeng, go ipela ka bonana jwa bone mo lefatsheng leno la Botswana e bile ba nne le seabe mo go godiseng serodumo sa lone.

A re mo pitsong eo gape go ya go buiwa ka go nonotsha le go gatelela tirisanyo mmogo fa gare ga banana le batsadi le go neela banana sebaka sa go isa melaetsa ka mananeo a a farologaneng a a ka tokafatsang matshelo a bone mo dikgaolong tsa bone ka go farologana.

Mo ipankanyong eo banana ba Mahalapye ba supile moono o le mongwe wa go ya go rola kwa pitsong eo dikgang di tshwana le go dirisiwa botlhaswa ga ditagi le motokwane ka ba akanya fa go ka nna molemo fa puso e ka tsenya letsogo thata mo kgannye eo le gone go tswa ka metlhala mengwe ya go tlhamela banana ditiro tsa sennelaruri. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thebeetsile Orapeleng

Location : Gaborone

Event : Mahalapye

Date : 08 Aug 2013