Ba Ramonaka ba lela ka ditlhabololo
08 Aug 2013
Banni ba motse wa Ramonaka kwa kgaolong ya Kgatleng Botlhaba, ba lela ka letlhoko la ditlhabololo kwa motseng wa bone.
E rile ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke badirelapuso ba eteletswe pele ke mothusa molaodi wa kgaolo ya Kgatleng Mme Mosetsanagape Busang, morafe wa supa fa seemo sa motse wa bone se sa jese diwelang.
Morafe o ne wa supa fa ba saletse kwa morago fela thata mo ditlhabololong ntswa ditlhabololo le tsone ditlamelo tota di tshwanetse tsa lekanyetswa go ya ka metse ka go farologana.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre David Mokgatlhane, a re motse wa bone o tswa kgakala o ntse o sa bone ditlhabololo mme seo se digela seriti sa motse wa bone kwa tlase.
A re ba kopa gore ba baakanyediwe tsela e e tlang mo kgotleng ya bone go hema lorole lo lo ka nnang borai mo botsong jwa bone. O ne a supa le gore kgotla ya bone ga e na motlakase mme seo e le poelo morago ka o tlisa ditlhabololo tse dingwe jaaka dikhompiutara mo diofising.
Rre Mokgatlhane o ne a tlatsa ka gore ga ba na koloi fa kokelwaneng ya bone mme a re seo se baka mathata ka jaana balwetse ba sokola go fefosediwa kwa bongakeng.
A re gape ga ba na motlobo wa dibuka mo motseng wa bone mme keletso ya bone ke gore o nne teng gore ba kgone go rutega le bone e bile le bana ba bone ba nne le nako ya go ithuta.
Rre Mokgatlhane a re metlobo ya dibuka e na le seabe se segolo mo thutong ya malatsi a gompieno ka go na le dibuka ka mefutafuta ka jalo motho a nna le sebaka sa go bala dikitso tse dingwe.
Rre Tlamelo Mokgatlhane a re o kopa ba lephata la banana go tla go thusa banana ba motse oo ka go ba ruta ka fa ba ka bonang mananeo a banana ka teng gore ba tle ba fetole matshelo a bone.
E rile mothusa molaodi Mme Busang a ba fetola, a ba lemotsha fa tsamaiso ya ditlhabololo mo lefatsheng la Botswana e ya ka gore dipalo di dintsi mo motseng ofe mme ditlamelo di isiwe teng koo.
A re le fa go ntse jalo ga go reye gore Batswana ba ba nnang mo metseng ya banni ba dipalo tse di kwa tlase ba tsewa ka letsogo la molema.
Mme Busang a re metse ya Ramonaka, Malolwane le Mmathubudukwane e pabile mme dingwe tsa ditlamelo di isiwa mo metseng eo ka go farologana mme ba metse e e mabapi ba rotloediwa go ya go tsaya ditlamelo teng koo.
A re go lebelelwa le mabaka a mangwe jaaka gore motse o mongwe o sekgala se kae go tswa mo go o mongwe mme ditlhabololo le ditlamelo di bewe foo ka kitso ya gore di tla thusa le ba ba gaufi le foo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Ramonaka
Event : Phutego ya kgotla
Date : 08 Aug 2013






