Breaking News

Puso e rekela Babirwa dikgomo

08 Aug 2013

Barui ba Gangwaketse kwa Kanye ba sa tswa go kopiwa go rekisetsa lephata la temo-thuo dikgomo tse di tlaa yang go neelwa barui ba Bobirwa kwa kgaolong ya Zone 7 go emisetsa  dikgomo tsa koo tse di neng tsa bolawa ka ntata ya tlhako le molomo.   

Go kopile jalo Ralephalo wa kgaolo ya Borwa Rre Ngaka Mokgetho mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke modulasetilo wa khansele ya Borwa Rre Leach Tlhomelang bosheng.

O boletse fa dikgomo di sa nste di batlega thata.

Rre Mokgetho a re go batlega dikgomo di le 30 000 le dipodi di le 17 000 go rekwa go busediwa beng ba tsone kwa kgaolong ya  Zone 7  kwa Bobirwa.

O kopile barui go ikitaya ka thupana go thusa bangwe ka bone gore le bone ba rue jaaka e le tlwaelo ya bone.

A re fifing go tshwaranwa ka dikobo ebile moroto wa o esi ga o ele.

O ba kopile gore ba ikwadise kwa diofising tsa temo thuo dingwe le dingwe, a bolela fa maikaelelo e le gore di rekwe kgwedi eno le e e tlang ba bo ba di busetsa barui ba Bobirwa.

Ka ditlhotlhwa o boletse fa moroba wa dingwaga tse pedi go ya kwa boneng o tlaa rekwa ka P2 500 fa poo e tlaa rekwa ka P3 500. O boletse fa podi e namagadi e tlaa lopa P700 fa phoko le phelefu di tlaa nna P1 400.

O boletse fa morui a ka nna a rekisa kgomo kana pudi e le nngwe.

Rre Mokgetho o boletse fa leruo le le nang le bogole le sena go rekwa. O boletse fa ba sa reke ko dikgaolong tsa Ngami, Chobe le Nata ka di ne tsa amiwa ke tlhako le molomo.

Fa ba utlwa boikuelo ja bone, barui ba Kanye bangwe ba boletse fa ba tlaa thusa, fa bangwe ba ba re ba akanya gore dikgomo tsotlhe tsa matimela di tshwanetse tsa nna tsone tse di fiwang barui ba ba neng ba tlhaselwa ke seru seo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Aug 2013