Breaking News

Metlobo ya dibuka e thusa go aga bana

17 Jan 2013

Metlobo ya dibuka e ka thusa go aga boitsholo jo bo amogelesegang jwa bana. 

Se se tlhalositswe ke mogolwane wa motlobo wa dibuka wa Thamaga, Mme Kgomotso Gareebine mo potsolotsong bosheng. 

Mme Gareebine o ne a tlhalosa gore metlobo ya dibuka e kgapha bana go dira ditiro tse di maswe jaaka borukutlhi.

O ne a tswelela a tlhalosa gore metlobo ya dibuka ga e sa tlhole e le kwa go balelwang teng fela, mme go na le dilo tse dintsi tse di dirwang, tse di akaretsang metshameko jaaka morabaraba, mokgatlho wa go ithuta go bala le go kwala, letsatsi la dikhompiutara le go tlhaba mainane. 

O ne a tlhalosa fa dilo tse tsotlhe e le tsone di tsisang kgatlhego mo baneng go tla metlobong ya dibuka. 

A re le ntswa ba leka ka bojotlhe go ruta bana  go dirisa maranyane a dikhompiutara, go sa ntse go na le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya dikhompiutara ka jaana bana ba tla ka dipalo tse di kwa godimo. 

Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa fa go tla ka dipalo tse di kwa godimo ga bana go ba itumedisa ka ebile mo malatsing a segompieno tiro nngwe le nngwe e tlhokana le botsipa jwa go dirisa dikhompiutara. 

Mme Gareebine o ne a tlhalosa gore go botlhokwa gore barutabana le bone ba ba thuse go rutuntsha bana go dirisa dikhompiutara.

O ne a kgothatsa batsadi go golola bana go ya metlobong ya dibuka, a bo a re bana le bone ba tshwanetse go tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo, go ipetlela tsela e e siameng ya bokamoso le go ikgapha mo ditirong tsa borukutlhi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 17 Jan 2013