Breaking News

Mapodisi a tlaa ruta morafe

17 Jan 2013

E tlaa re kgwedi eno e le masome mabedi le bongwe, mapodisi a Thamaga a rute morafe ka ditsela tsa go babalela dithoto tsa bone. 

Mookamedi wa  mapodise a Thamaga, Supt. Balisi Ntamba o tlhalositse mo potsolotsong fa ba gwetlhilwe ke go gola ga go thujwa ga matlo mo ngwageng o o fetileng. O ne a tlhalosa fa dipatlisiso tsa bone di supa fa morafe o sa itse ditsela tsa go sireletsa dithoto tsa one mo bogodung.

Supt. Ntamba a re ba tlaa bo ba ruta morafe gape se ba tshwanetseng go se dira pele ga ba ya go robala le gore ba dire jang go tlhofofatsa go lemoga dithoto tsa bone fa di utswilwe mme di bonwe ke mapodisi.

O ne a tswelela a tlhalosa fa gape ba tlaa ruta morafe gore motho o ka itshireletsa jang fa a tlhasetswe ke dirukutlhi.

Supt. Ntamba a re ka jalo go botlhokwa gore ba ga Thamaga ba tsholegele dithuto a tlhalosa fa ntwa e e ka kgonwa fela fa e tshwaraganetswe. 

A re  maikaelelo ke  go tsamaya mo metseng e akaretsa Mmankgodi, Kumakwane le Kubung go ruta morafe ka maele a go lwantsha bogodu mo metseng ya bone. ENDS

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 17 Jan 2013