Breaking News

Temo e tshwanetse go tokafadiwa

07 Aug 2013

Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Douglas Tlharese a re ngwaga o o fetileng go dirisitswe P220 million go reka merogo kwa mafatsheng a mangwe ka jalo Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao go tokafatsa temo ya merogo.  

Rre Tlharese o buile jalo fa a simolodisa ka fa mokgweng letsatsi la temo ya masingwana a merogo kwa  Ghanzi bosheng. 

O boleletse batsena letsatsi leo gore fa banni ba Ghanzi ba ka ema ka dinao, mo dingwageng tse di tlang kgaolo ya Ghanzi e ka dira botoka fela thata mo temong ya merogo.

Rre Tlharese a re letsatsi le le tshwanang le leo ke la go tsholetsa le go rotloetsa temo ka ditsela tsotlhe tse di tlhokafalang le go leka  go isa melaetsa kwa bathong gore ba kgone go nna le kitso ya temo ya merogo le go tokafatsa fa ba tlhaelang teng.

Modulasetilo Tlharese a re fa Batswana ba ka ema ka dinao ba tlaa tokafatsa itsholeleo ya lefatshe leno ka temo mme la emisa go ikaega ka teemane e le nosi.

Modulasetilo o boleletse batsena letsatsi leo gore mmaraka wa mafatshefatshe o batla dijo tse di bolokilweng sentle e bile di na le boleng jo bo tlhokafalang gore di kgone go bona theko e e siameng.

Rre Tlharese a re go gaisana ga balemi botlhe go tswa mono le kwa mafatsheng a mangwe go laolwa fela ke boleng jwa dijo tse ba di ntshang. A re dinako tsotlhe fa ba lema ba   tlhokomele masimo a bone sentle.

Modulasetilo a re bosheng  lebenkele lengwe le legolo  le ne la nna le keletso ya go reka merogo mo lefatsheng leno mme mathata ya nna boleng jo bo kwa tlase le ditlhotlhwa se di kwa godimo mme gape ba palelwa ke go isa dilo ka nako e ba e dumalaneng.

Rre Tlharese o rotloeditse balemi go bereka thata gore ba kgone go itepatepanya le mmaraka wa lefatshe leno.  A re maduo a a kwa tlase a temo ya merogo mo lefatsheng leno ga a  itumedise puso le lephata la temo thuo.

Erile Rre Emmerson Ngalombi yo e leng mookamedi wa lekgotla la balemi ba merogo kwa polasing ya ga Rre Chris Wilcot a akgela mo letsatsing leo a tlhalosa fa ba ne ba simolola ka go dira tshingwana e e neng e fepa kampa ya Takadu ka merogo e le nosi.    A re ka ngwaga wa 2010 ba ne ba simolola go oketsa masimo a bone gore a nne bophara ka jalo ba ne ba simolola go rekisetsa mabenkele a a kwa Ghanzi jaaka la Choppies le Spar.

Rre Ngalombi o boleletse batsena letsatsi leo fa temo ya merogo e tlhokana le tlhokomelo  e ntsi gore e tswe maduo a a kwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Letsatsi la temo ya masingwana a merogo

Date : 07 Aug 2013