Breaking News

Radinku o galaletsa lenaneo

07 Aug 2013

Moagi wa Damuchojenaa, Rre Mpoeleng Radinku, ke mongwe wa ba ba galaletsang lenaneo la nyeletso lehuma, ka ntlha ya gore le tokafaditse botshelo jwa gagwe. Rre Radinku, wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe, yo o tlwaelegileng ka leina la Jamaica, o tlhalosa gore e rile fa a sena fiwa dipodi ka lenaneo leo, a itse gore o tlaa ungwelwa ka gore di tlaa tsala di ntsifala. O supile gore o itumelela lenaneo leo ka gore o tlaa dirisa dipolelo tse a di bonang mo thekisong ya dipodi go tlamela ba lelwapa la gagwe.

A re e rile pele ga a fiwa dipodi tseo, o ne ikaegile ka go phakaisiwa dijo ke ba lephata la boipelelgo le go thapiwa ke ba Ipelegeng. O tlhalosa gore o ne a fiwa dipodi tse dinamagadi di le nne le phoko mo ngwageng o o fetileng mme o sa ntse letile tse dingwe tse tlhano. A re pele ga a ikopela go fiwa dipodi tseo, o ne a rutwa ka tlhokomelo ya dihutshane kwa motseng wa Diphuduhudu, a re dithuto tseo di mo solegetse molemo fela thata ka di ne di akaretsa  tlhokomelo le go ntsifatsa leruo.

Radinku o tlhalosa gore o disa dipodi tseo malatsi otlhe gore di se ka tsa timela le go jewa ke dibatana. O supile gore le fa a akgolela  puso ya lefatshe leno go mo thusa ka dipodi tseo, ga a ise a neelwe dijo tsa dipodi le melemo. O ne a kgothatsa ba ba filweng dithuso tsa nyeletso lehuma go di tlhokomela ba bo ba itshetse ka tsone, nako e sa ntse ba letla.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Selibe Phikwe

Event : Potsolotso

Date : 07 Aug 2013