Ba re tshekatsheko ga e tsamae sentle
07 Aug 2013
Baagi Tati Siding, ba ngongorega ka go re basekaseki ba batlhoki ga ba tsenye leitlho mo go lekaneng ka gore ba rontsha bangwe ba batho ba ba tlhokang thuso mme ba neele ba ba botoka dithuso.
Ba ntshitse ngongorego e mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa bone, Rre Samson Guma mo bosheng. Mongwe wa bone, Mme Khungwana Bobi, o ngongoregela gore o emisitswe go thapiwa mo lenaneong la Ipelegeng ka go twe o neetswe ditente, ditilo le ditafole ke ba lenaneo la nyeletso lehuma.
Baagi ba ngongoregile ka ditlhabololo tse di saletseg kwa morago kwa motseng wa bone le go tlhoka go olelelwa matlakala. Bagolo bangwe ba ne ba ngongoregela gore ga ba letlelelwe go tsena mo lenaneong la SHHA, le fa ba na le bokgoni jwa go busa madi, go twe ba kope bana ba bone go mo adimela madi ao.
Rre Guma o ne a tlhalosa gore bagolo ba letlelelwa go kopa bana ba bone go ba adimela madi ka gore dingwaga tsa bone ga di ba letle go adima madi. O ne a solofetsa baagi bao gore o tlaa ikopanya le tona gore go rulaganngwe thutopuisano mo kgaolong eo. O ne a tlhalosetsa baagi gore kgaolo ya botlhophi ya Tatisiding e kgaogantswe gabedi, a kopa batlhophi gore ba ipaakanyetse diphetogo tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Francistown
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Aug 2013






