Breaking News

Meepo e na le didirisiwa tse disha

07 Aug 2013

Mogolwane wa meepo ya Letlhakane le Damtshaa a re go tla ga bomatshine ba maemo a ntlha kwa meepong eo go tlaa thusa go ntsha maduo a a bonalang, go neela bareki ba teemane se ba se tlhokang le go oketsa theko.

E rile fa a bua kwa moletlong wa go neela bagolwane ba meepo metshine e mebedi e e epang ka go thuntsha matlapa, e e lopileng P19 million mongwe le mongwe, Dr Adrian Gale a re khamphani ya Debswana e dirisa madi a mantsi go reka didirisiwa tse di ka direlang tiro ka bofefo le go ntsha maduo.

O ne a tlhalosa gore go rekwa ga metshine eo go ne ga emisiwa lebakanyana ka ntlha ya kwelotlase ya itsholelo, ka jalo go epiwa ga teemane ga diega. Metshine eo e rekilwe mo komponeng ya Joy Global Africa mme e tlaa oketsa e e ntseng e dirisiwa.

Mogolwane wa lephata la thekiso ya bomatshine kwa komponeng ya Joy Global Africa, Rre Ian Williams, o ne a tlhalosa gore kompone ya bone e na le dingwaga tse di lekgolo le masome a mararo e ntse e rekisa didirisiwa tsa tlhwatlhwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Letlhakane

Event : Kamogelo ya metshine

Date : 07 Aug 2013